Boammaaruri bo a golola - Tshireletso
15 Sep 2019
Mothusa tona wa lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Mme Botlogile Tshireletso a re o tshwenngwa ke go bona Bakeresete ba sa iketla mo meweng, mme ba tsweletse ka go akgega le dikereke ba re ba batla pholo.
Mme Tshireletso o buile jalo ka Matlhatso jaaka a ne a bula tempele ya phuthego ya kereke ya St. John Apostolic Faith Mission kwa kgotleng ya Xhosa I kwa Mahalapye.
“Mmele wa gago ke tempele, tumelo e tswa mo go wena, fa o sena tumelo ga o kake wa bona pholo,” ga tlhalosa Mme Tshireletso.
O supile gore kago ya tempele eo, e rotloeditswe ke mowa o o boitshepo le lorato la go direla Modimo.
A re go botlhokwa go supa tumelo ka ditiro.
“Le fa o ka tsholeletsa matlho kwa ditlhabeng, mme o sa dire maiteko ape, ga o kake wa bona maduo ape ka gore Modimo o thusa yo o itekang.”
Go dira jaana, ke jaaka le siela Keresetse metsi le go mo fa dijo, ga tlhalosa Mme Tshireletso.
Mme Tshireletso a re puso e rotloetsa gore dikereke di age mafelo a di obamelang mo go one.
A re le fa kereke e dira tiro e e molemo mo setshabeng go botlhokwa gore e seka ya lejwa jaaka sekgoreletsi jaaka mo mabakeng mangwe batho ba lela ka go re di tsenela mo lwapengdi tsosa modumo.
O ne a lebogela St John Apostolic Faith Mission go neela bomme sebaka sa go tsena mo maemong a boeteledipele, a re seo, se tlhotlhelediwa ke gore mosimolodi wa kereke eo ke mme.
O ne a supa boitumelo ka go re kereke eo, e na le lenaneo la tshidilo maikutlo.
“Le itebagantse le ba ba fuduegileng maikutlo le ba ba amilweng ke go tlhokafalelwa ke ba masika.
Go botlhokwa go bona kereke e itebagantse le go bopa motho.”
Mme Tshireletso a re puso e lemoga tiro e e molemo e e dirwang ke dikereke.
A re kereke e nnile le seabe se segolo mo motheong wa thuto e bile e dira thata go aga setshaba.
O ne a supa gore puso le setshaba ka kakaretso ba tshwenngwa ke dikgang tsa botlhoka tsebe, ka jalo dithapelo tsa Bakeresete di ka thusa go nolofatsa seemo seo.
Ke lemogile gape gore le dira ka natla go bopa banana, ga tlhalosa Mme Tshireletso.
O supile gore moopelo le diphala di tlaa thusa go ngokela banana mo kerekeng, a lebogela kereke eo go supa boleng jwa yone mo setshabeng.
A re le fa puso e letla mongwe le mongwe go kwadisa mokgatlho le go obama ka fa a eletsang ka teng, se se tshwenyang ke go bona dirukutlhi di dirisa leina la kereke go amoga batho madi le dithoto.
“Bangwe ba dirisa leina la kereke go gweba, ka jalo a re rapeleng thata go laola seemo se.”
Mme Tshireletso o abetse kereke eo P500 go e thusa mo ditlhabololong.
Mo mafokong a malebo, Kgosi Tshipe Tshipe le ene o supile botlhokwa jwa kereke mo go bopeng tshaba e e nang le kagiso e bile e rata boammaaruri.
Kgosi Tshipe a re kereke e tlhomilwe ke Modimo go ruta setshaba, ka jalo puso ya Botswana e lemogile botlhokwa jwa go rebola kobamelo Modimo.
Le fa go ntse jalo, Kgosi Tshipe o tlhobaediwa ke go oketsega ga dikereke, mme dingwe tsa tsone di lebegang di sa dire tiro ya Modimo.
O supile gore kereke le bogosi di tswa kgakala di golaganye. Kgosi Tshipe a re magosi a a neng a tsere mosepele go ya go kopa itshireletso kwa go Mma Mosadinyana ba ne ba patilwe ke baruti e le baranodi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : MAHALAPYE
Event : Pulo ya tempele phuthego ya kereke ya St. John Apostolic Faith Mission
Date : 15 Sep 2019