Breaking News

Tautona Masisi o rola Kgafela

15 Sep 2019

Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o rotloeditse banni ba Mochudi Bophirima go romela Rre Mmusi Kgafela kwa palamenteng ka ditlhopho tsa monongwaga.

Fa a rola Rre Kgafela go tla a emela Mochudi Bophirima le ba ba tlaa emelang bokhanselara jwa kgaolo eo, Tautona Masisi yo gape e leng moeteledipele wa Botswana Democratic Party (BDP), o supile fa Rre Kgafela e le senatla e bile go le matshwanedi gore Bakgatla ba mo tlhophe go ya go tsweledisa maikaelelo le maitlamo a BDP.

Tautona Masisi a re Rre Kgafela ke mmueledi wa tlhwatlhwa, yo o boammaaruri, ka jalo o a mo tlhoka kwa palamenteng gore a kgone go tsweledisa maikaelelo le maitlamo a BDP mo Batswaneng.

“Ke tlhoka Rre Mmusi kwa pusong e ke yang go e etelela pele ka Phalane a tlhola malatsi a le masome a mabedi le bone,” ga rialo Tautona.

A re ene o batla maemo a botautona ka pelo ya gagwe yotlhe, mme tse tsotlhe o di kopa mo Batswaneng. 

O tladitse ka go re monongwaga BDP ga e mo mainaneng a 2014, ka ba ikaegile ka boammaaruri.

O kopile batlhophi go re ba tlhaloganye gore tlhopho ke selo se se botlhokwa fela thata.

“Itseng gore dingwaga tse tlhano tse di latelang, ga le kake la boela tlhopho morago,” a rialo Tautona Masisi.

O supile gore BDP ke phathi ya kagiso, thokgamo le boammaaruri, mme e farologanye le tse dingwe.

A re o ikaeletse go busetsa serodumo sa Batswana sa go busa ka kagiso, thokgamo, boammaruri le morero.

O ne a supa gore mohumagadi le ba lelwapa la ga Rre Kgafela, ba mo rebotse go emela maemo a bopalamente, mme se se a lebosega, ka tiro e e le e masisi.

“Mo tlotleng betsho, mo dibeleng le itse gore ke ene mopalamente wa lona.

Borre le bomme ba ke ba kopela tlhopho ya lona,” ga tlhalosa Tautona Masisi.

A re batlhophi ba tshwanetse go tlhopha BDP ka e na le motlhala o o bonalang.

Tautona Masisi a re ga go na lelwapa lepe mo Botswana le le sa anywang bomolemo mo phathing ya Domkrag.

A re o eletsa go bona itsholelo ya Batswana e ikaegile ka kitso, ka e ka thusa go kabakanya itsholelo ya lefatshe.

Tautona Masisi o ne gape a supa Dr Pelonomi Venson-Moitoi a re o tlaa thusa mo ipapatsong ya ditlhopho.

A re tse di diragetseng di fetile, mme ke nako ya gore Botswana le Batswana ba bewe kwa pele go direlwe lefatshe.

“Mme Venson-Moitoi ke mo Domkrag betsho.

Re bereka mmogo e bile re ya go fenya mmogo,” a rialo.

Fa a latlhela la gagwe, Rre Kgafela a re bukana ya bone ya ipapatso e dirilwe go sena go rerisanngwa le Batswana, ka jalo, e tshwere maikutlo le ditharabololo tse Batswana ba di batlang.

“E bile gape maitlamo le maikaelelo a Vision 2036 le NDP 11 di mo bukaneng e,” a tlhalosa.

O ne a supa gore Batswana ba tshwanetse go lebelela se Tautona Masisi a se dirileng fa a sale a nna mo setilong.

“Diphetogo le ditlhabololo tse a tsileng ka tsone ke sekao sa gore BDP e santse e ka direla Batswana go le gontsi,” a rialo.

Rre Kgafela a re o itlama go dira le Dr Masisi go lwantsha tshenyetso setshaba, ka go supegile gore itsholelo ya lefatshe e ka phutlhama fa go sa dirwe sepe.

A re ene o batla go tlhabolola Bakgatla le lefatshe ka bophara, mme se o batla go se dira le makhanselara a phathi ya gagwe.

O tsweletse a supa fa e le motho yo o boammaaruri, e bile ga a batle go aketsa Bakgatla a re o tsile go dira meleko kwa palamenteng, e bile ga a batle go ipaya e kare o tlaa kgona a le nosi.

Rre Kgafela o supile fa a tsile go itebaganya le ditsela, dikago le go fefosa kabo ya lefatshe.

“E bile Dr Masisi o setse a dirile gore ditsetlana tsa tiriso ya lefatshe di tokafadiwe gore di seka tsa kgoreletsa batho,” ga tswelela Rre Kgafela.

O ne gape a itlama go rotloetsa banana go dirisa mananeo a puso, le go ba ruta gore kgwebo e dirwa jang le go ba rotloetsa gore ba seka ba tlogela mo tseleng.

Dr Venson-Moitoi ene o supa fa a itumeletse kagiso le tshireletsego e e renang mo Botswana.

“Fa e ne e le kwa mafatsheng mangwe nkabo ke se fa, mme ke a leboga,” a tlhalosa jalo. BOKHUTLO

 

 

 

Source : BOPA

Author : Omphile Ntakhwana

Location : MOCHUDI

Event : Phuthego ya polotiki

Date : 15 Sep 2019