Leepile o tlaa fitlhwa kwa Digawana
12 Sep 2019
Mokhanselara wa pele, Rre Joseph Leepile, o tlaa fitlhwa kwa Digawana kwa kgaolong ya Borwa ka Tshipi.
Se se rurifaditswe ke monnawe moswi, Rre Edwin Leepile, mo potsolotsong ka Labone.
Rre Leepile, yoo dingwaga tse 72, o tlhokafaletse kwa kokelong ya Athlone kwa Lobatase kgwedi eno e tlhola malatsi a mane morago ga go lwala ka bokhutshwane.
Rre Leepile o tlhalositse fa mogolowe a simolotse dithuto tsa gagwe tse dipotlana ka ngwaga wa 1957 kwa sekoleng se sebotlana sa Digawana, mme a ya go di tsweledisa kwa sekolong se sebotlana sa Logonono kwa Kanye.
Moswi o a ne a tsweledisa dithuto tsa gagwe kwa Kanye Higher Primary School go fitlha ka ngwaga wa 1962, mme go tsweng foo a ya go dira dithuto tse di kgolwane kwa sekoleng se segolwane sa Seepapitso go fitlha ka ngwaga wa 1966.
Fa a sena go wetsa dithuto tsa gagwe moswi o ne a thapiwa ke lephataa la tepo loapi kwa Gaborone ka ngwaga wa 1967, mme a direla mo lephateng leo go fitlha a tlogela tiro ka bogodi ka ngwaga wa 2003, a tshegeditse maemo a chief technical officer.
Monnawe moswi a re, e rile go tlogeleng tiro, Rre Leepile a inaakanya le tsa sepolotiki ka boloko jwa Botswana Democratic Party (BDP), mme ya re morago ga ditlhopho tsa setshaba tsa ngwaga wa 2004, ya nna mokhanselara yoo itlhophetsweng ke tona go fitlha ka ngwaga wa 2009.
E rile ka ngwaga wa 2009, moswi Rre Leepile a emela ditlhopho tsa setshaba e ntse e le ka boloko jwa phathi ya BDP, mme a di fenya, ke fa a nna mokhanselara wa kgaolwana ya Mogojogojo go fitlha ka ngwaga wa 2014, phenyo e eneng ya mo tlhatlosa maemo, ka jaana a ne a tlhophiwa go nna modulasetilo wa khansele potlana ya Good-hope.
Go tlhalositswe gore kwa ntle ga sepolotiki, moswi ene ele motho yo o ratang go rua, gape a rata moopelo.
Moswi o tlogela, mosadi, bana ba le barataro, borre ba le bane, bomme ba babedi, le batsalwa-nae ba le bane. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kenanao Ntsimane
Location : Kanye
Event : Potsolotso
Date : 12 Sep 2019