Pitsa e nngwe fela ka boipuso
12 Sep 2019
Kgosi David Toto II wa Tsabong o begetse morafe fa moletlo wa boipuso jwa monongwaga o tla a ketekelwa kwa kgotleng kgolo, e seng kwa dikgotlaneng jaaka ele tlwaelo.
O boletse se mo phuthegong ya kgotla bosheng, e maikaelelo a yone e neng e le go simolodisa dipaakanyo tsa boipuso.
Kgosi Toto II o boletse fa a ne a rerisana le morafe gore ngwaga ono ba jela mo pitseng e le nngwe jaaka bana ba motho.
A re o tsere tshwetso e morago ga gore mo dingwageng tse di fetileng, go lemosege fa bontsi jwa batho ba ne ba sa phuthaganele kwa kgotleng, mme ba ya kwa dikgotlaneng tsa bone go ya go ketekela boipuso teng.
O ne a supa fa ka letsatsi leo, morafe o tshwanetse go tshwaragana le go ipela mmogo ka metshameko ya ngwao.
Kgosi Toto II a re kgotlana nngwe le nngwe e tshwanelwa ke go ntsha P1 000 gore a tlhakanngwe le lemmenyana le le tswang kwa khanseleng go reka dijo.
O ne a kopa batsadi go rotloetsa banana go tsena moletlo oo le gone go tsenya letsogo mo ditirong tse di dirwang kwa kgotleng ka letsatsi la boipuso ka seo se ka ba thusa go ithuta ka tse di diragalang ka letsatsi leo.
Morafe o o neng o tshologetse phuthego eo ka dipalo tse di kwa godimo, o ne wa leboga, fa bangwe ba ne ba supa fa go jela mo pitseng e le nngwe go sa siama, ka bangwe ba felela ba sa fiwe dijo ka fa go tshwanenetseng.
Bangwe ba ne ngongorega gape le ka komiti ee neng eteletse pele boipuso jwa dingwaga tse di fetileng, ba re ga ba tlotle bagolo.
Lefa go ntse jalo, Rre William Coetzee o ne a gatelela mafoko a ga kgosi, a re go ketekela boipuso kwa kgotleng kgolo go fa letsatsi leo seriti gore banana le dikokomane tse di tlang ba kgone go tlhaloganya boleng jwa lone.
Rre Coetzee a re maitseboa a letsatsi leo, banni ba tshwanentse go natefisa ka ditsela tse di farologanyeng.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Richard Ntau, o ne a supa maloko a le masome a mararo go tswa mo dikgotlaneng tse di farologanyeng ba eleng bone ba baakanyetsang boipuso jwa mono ngwaga, ba tshwaraganye le komiti ya ditlhabololo le badirelapuso go tlhomamisa gore moletlo oo o tsamaya ka thelelo.
Mokhanselara wa Tsabong Borwa, Rre Lucky Lorekang o ne a galaletsa pego ya ga kgosi, a supa fa e le go bopaganya morafe, le ntswa bangwe ba ngongorega ka go tlhaela ga dijo. Ends
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Tsabong
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 12 Sep 2019