Breaking News

Go remakaka ditlhare go a tshwenya

11 Sep 2019

Lephata la dikgwa la re ga le itumedisiwe ke batho bangwe ba ba rwalelang dikgong ntle le teseletso ya go dira jalo.

Ba buile se kwa bokopanong jwa bone le bogogi jwa Serowe le mokgatlho wa Roads with Trees bosheng.

Mogolwane wa lephata la dikgwa kwa kgaolong ya Legare, Rre Desmond Serero, a re go na le bangwe ba gangwe le gape ba remang ditlhare go dira dikgong ba bo ba di rekisa, selo se a boletseng fa se se ka fa molaong.

A re go na le tsamaiso e e tshwanetseng go salwa morago ya go rema ditlhare motho a bo a dira dikgong.

Rre Serero a re fa motho a rwalela dikgong, o tshwanetse go tsaya tetla a bo a sala melawana ya yone morago.

A re o lemogile fa go na le bangwe mo tseleng ya A1 ba ba remang ditlhare thata ba bo ba rekisa dikgong ba sena diteseletso fa bangwe ba bone ba rekisa le melemo ya setso jaaka monepenepe e se ka fa tsamaisong

A re bangwe ba ba rekisang melemo ya Setswana ga ba a ikwadisa gope go supa fa e le dingaka tsa setso mme seo se a tshwenya.

Rre Serero a re lephata la gagwe le tsweletse ka go ruta setshaba ka tshomarelo ya ditlhare.

Rre Batsweleng Batsweleng go tswa kwa mokgatlhong wa Roads with Trees kwa Serowe, o tlhalositse fa e ne ya re ka 2012 ba jwala ditlhare mo tseleng e e yang kwa sekoleng se segolwane sa Swaneng Hill mme mo nakong ya gompieno, ditlhare tseo di kgabisitse motse ebile di fa baithuti le ba dikgwebo potlana meriti.

A re seo se ba rutile gore go botlhokwa go lema setlhare se se golang thata le fa o se godisa se iketlile ka se kgona go dirisiwa morago ga dingwaga di ka nna tlhano le go ya pele.

A re maikaelelo a Roads with Trees ke go lema ditlhare di le masome matlhano ngwaga le ngwaga mme ba lema di le masome mabedi le botlhano kwa Serowe le dingwe tsa palo eo mo thoko ga ditsela.]

 O ne a kopa thotloetso gore lenaneo la bone le atlege.

Modulasetilo wa khansele potlana ya Serowe, Rre Mpho Kooreme, o kopile mokgatlho wa Roads With Trees go lema ditlhare ba dirisana le ba ditogamaano.

A re se se ka ba thusa gore ba seka ba lema ditlhare fa go tsamayang ditlhabololo teng mme e re morago di bo di ntshiwa.

A re ditlhare di botlhokwa fela thata mo tikologong le mo matshelong a batho ka go setse go supafetse fa di thusa ba dikgwebo potlana ka meriti le batho fela ka kakaretso.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse ya Ramokgatla kwa Serowe, Mme Tebogo Rapitsenyane a re dikgang tsa tikologo di tserwe ka tlhwaafalo lefatshe lotlhe ka bophara.

Mme Rapitsenyane a re go botlhokwa go somarela di tsa tlholego ka di tloga di nyelela a bolela fa mafatshe mangwe a ne a na le di tsa tlholego mme ba di nyeletsa ba bo ba felela ba ya kwa mafatsheng a mangwe go di bona teng.

A re ditlhare di botlhokwa mme go botlhokwa go ruta banana ka tsone ka go lemotshega fa thuto e tlhaela mo go bone. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : SEROWE

Event : Bokopano le bogogi jwa Serowe

Date : 11 Sep 2019