Breaking News

A e nne modiga

10 Sep 2019

Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a re puso e boetse morago tshwetso ya go tlhoka go lemoga Kgosi Kgafela II jaaka kgosi wa Bakgatla.

Tshwetso eo e ne e tserwe ka 2011.

Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Mochudi maabane,  Tautona Masisi o ne a re go fetola mogopolo mo, go direlwa go tsisa kagiso le kutlwisisanyo mo  Batswaneng.

Tautona Masisi o tlhalositse gore e rile a tsaya botautona o ne a itlama go fedisa kgogagogano ya puso le Bakgatla.

“Ke ne ka itlama gore ga nkitla ke ikhutsa go fitlhelela Kgosi Kgafela a boela mo Botswana, mme se ke nngwe ya dikgato tsa puso e ke e eteletseng pele, go bona gore ke etelela setshaba se se bopaganeng,” Dr Masisi a tlhalosa.

O ne a supa gore ka e le ngwana wa Motswana e bile a na le motsadi, go thona gore o ka leka go itlhokomolosa botlhoko jo bo mo pelong ya ga Mohumagadi Mma Seingwaeng.

Tautona Masisi a re go matshwanedi gore re le batho re itshwarelane, mme boitshwarelo jo bo tshwanetse go tswa mo pelong.

“Bana ba motho ba a tle ba ngapane le gone go tlhoka kutlwisisanyo, mme se se salang, re bana ba motho,” ga bua jalo Dr Masisi.

O supile gore tshwetso e ga se ya go ithatisa Bakgatla, mme ke  morero o o sa bolong go rerwa jaanong ke nako ya go agisanyanya puso le Bakgatla.

Tautona Masisi o ne a solofetsa Bakgatla gore e tlaa re letsatsi la maabane le ise le wele, tona wa dikgaolo le tlhabololo magae Rre Frans Van Der Westhuizen a bo a dirile mokwalo wa go konotelela tshwetso e.

Tautona Masisi o bile a kgothatsa Bakgatla go ilela bogosi jwa bone.

Tautona Masisi a re maikaelelo a gagwe ke go busa setshaba se se bopaganeng,  e bile se akantshana le go phadisana ka megopolo, mme sengwe le sengwe se tshwanetse go dirwa ka fa molaong.
A re o na le tsholofelo le tshepho ya gore fa Kgosi Kgafela a boa, leuba la Bakgatla le tsile go fela, le one magodimo tota a tsile go ba nesetsa pula.

“Se le tshwanetseng go se tlhaloganya ke gore maemo a botautona ga se maselamose, sengwe le sengwe se tshwanetse go dirwa ka fa molao-motheong,” ga rialo

Tautona Masisi.
Fa a bua ka tsa ditlhabololo, Tautona Masisi o tlhalositse gore go tlaa agwa  kokelo mo Kgatleng a bo a tlhalosa gore thulaganyo ya kokelo eo e mo ditoga-maanong tsa bolesome le bongwe.

A re sebe sa phiri ke gore madi a kago ya kokelo ga a a lekana, mme ka puso e le fa gare ga tshekatsheko ya ditlhabololo tsa ditoga-maano tsa lesome le bongwe, go tlaa lebelelwa gore letlhoko le kae mme go kopiwe madi a go diragatsa maitlamo ao.

Tautona Masisi a re ka e bile a ipela ka puso ya batho ka batho le morero, o kopile Bakgatla go rera ditlhabololo tse ba di tlhokang mo kgaolong ya bone, le go di tlhomaganya ka botlhokwa jwa tsone.

O ne a supa fa a swabisistwe ke tshwetso ya palamente bosheng ya go gana go rebola madi a go aga ditlamelo tsa go tsaya metsi kwa didibeng tsa Masama go nosa metse e e dikologileng toropo-kgolo Gaborone.

A re sengwe le sengwe se dirilwe ka fa molaong le gore ene le khuduthamaga ya matona ba ne ba sa itse le yone kompone e e tlaa fiwang tiro.

Tautona Masisi a re go supa gore o tsepame mo tsamaisong ya puso ya batho ka batho, o ganne go dirisa dithata tsa gagwe tsa botautona go pateletsa gore tiro e e dirwe le fa palamente e ganne ka P900 million.

“Le sone sepatela se re batlang go se aga mo Kgatleng, se tsile go tlhoka metsi a a phepa gore se bereke sentle,” a rialo.

A re ditshekatsheko di supile fa metsi a tsile go tlhaela mo metseng e e gaofi le Gaborone.

“Lebaka le lengwe le le dirileng gore re batle go aga diphaephe tse di itebagantseng le didiba tsa Masama ke gore baitseanape ba supile go se botlhale go tlhakanya metsi a didiba tse le a North South Carrier 1 ka a le phepa go feta a letamo, mo go feletsang go dira gore go nne turu go a tlhatswa gape otlhe,” ga rialo Tautona Masisi.

Tautona Masisi o ne a patilwe ke mohumagadi wa gagwe Mme Neo Masisi, mme ba ne ba abela Bakgatla dikobo di le makgolo a mararo le masome a marataro.

Fa a tswa la gagwe mothusa kgosi wa Bakgatla, Kgosi Bana Sekai o ne a re o itumeletse dipalo tsa Bakgatla ba ba tshologileng tautona mokgosi. BOPA

Source : BOPA

Author : Omphile Ntakhwana

Location : MOCHUDI

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 10 Sep 2019