Breaking News

Kereke konokono mo go ageng boitsholo

10 Sep 2019

Motshwarelela mogakaganyi wa ditirelo tsa AIDS kwa kgaolong ya Kgalagadi Borwa, Mme Cathrine Molomo, a re kereke e na le seabe se segolo mo go fokotseng kanamo ya mogare wa HIV.

Fa a bula tirelo ya go simolodisa kgwedi ya thapelo kgatlhanong le mogare wa HIV/AIDS kwa Khuis bosheng, Mme Molomo o tlhalositse gore puso e seegetse Lwetse fa thoko gore e nne kgwedi ya thapelo kgatlhanong  le segajaja se.

A re puso e tswa kgakala e dira ka natla go fedisa mogare mme batho bangwe ba tsweletse ka boitsholo jo bo oketsang kanamo ya one. A re go lemosegile gore boitsholo jo bontle jo bo rutwang kwa dikerekeng bo ka rotloetsa motho go ikgapha mo tlhakanelong dikobo ko ntle ga lenyalo le go nna le bakapelo ba le bantsi.

Mme Molomo dithuto kwa kerekeng di rotloetsa batho gore ba tlotle mebele ya bone le go ikgapha mo go tlhakaneleng dikobo  ba sa le ba botlana.

A re dipalo di supa fa batho ba le bantsi ba tshela ka mogare, bogolo jang banana ba ba fa gare ga dingwaga tse di lesome le botlhano le masome a mane le boroba bongwe.

Ka jalo a tlhalosa gore go botlhokwa go fetola boitsholo go fokotsa kanamo ya HIV/AIDS.

A re kgaolo ya Kgalagadi Borwa e na le banni ba le dikete di le masome mararo go tswa kwa Kokotsha go fitlha kwa Struitzendam mme dipatlisiso di supa fa banni ba santse ba tlhakanela dikobo ba sa itshireletsa le ntswa puso e aba dikausu mahala.

Mme Molomo a re 3.7 per cent ya banni e tsenwa ke malwetse a tlhakanelo dikobo, selo se a reng se supa fa sekausu se sa dirisiwe. A re basetsanyana ba santse ba ima ka dipalo tse di kwa godimo, mme go supega fa ba imisiwa ke borre ba bagolwane mo go bone. 

O tlhalositse fa dipalo di supa fa 4.4 per cent ya banana ba dingwaga tse di fa gare ga lesome le boraro le lesome le botlhano ba ima mme batsadi bangwe ba bipa mpa ka mabele ba sireletsa borre ba ba imisitseng bana pele ga nako.

Mme Molomo o ne a tlhalosa fa borre ba santse ba le maoto a tshupa mo go direng loaro la borre le go supegang fa dipatlisiso di re le fokotsa kanamo ya mogare.

O tlhalositse gape gore lenaneo la PMCT le le thibelang kanamo ya mogare go tswa kwa go mmangwana go ya ko leseeng le dira sentle ka mo bo gompienong go sa tlhole go tsholwa ngwana yo o nang le mogare. A re puso e semeletse ka lenaneo la Treat all, ka 95 per cent ya batho ba ba fitlhelwang ba na le mogare ba fiwa dipilisi tse di ritibatsang mogare. Fa a tswa la gagwe, Mme Baitshepi Mmoloki go tswa kwa Botswana Christian AIDS Intervention Programme (BOCAIP) le ene o tlhalositse gore fa batho ba ka letla modimo go tsaya taolo ya matshelo a bone ba ka kgona go itse molemo le bosula mme ba seke ba dire tse di duleng mo tseleng.

Mme Mmoloki a re batho ba tshwanetse ba tlotle mebele ya bone ba itse fa e le tempele ya Modimo e e sa tshwanelwang go kgotlelesega ka jalo boitsholo jo bo eletsegang e le jone jo bo ka ilelang mebele ya bone.

O tlhalositse gore mogare wa HIV o fele, batho ba tshwanetse ba tlotla mmopi wa legodimo le lefatshe a supa jalo gore poifo modimo ke tshimologo ya botlhale. A re fa batho botlhe ba ka tshela jaaana HIV/AIDS e tlaa nna leinane la bogologolo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : KHUIS

Event : kgwedi ya thapelo kgatlhanong le mogare wa HIV/AIDS

Date : 10 Sep 2019