Breaking News

Kanamo ya HIV e a tshwenya

10 Sep 2019

Mogokaganyi wa ditirelo tsa HIV/AIDS kwa Selebi Phikwe, Rre Shatiso Daki, a re puso e tshwenngwa thata ke dipalo tsa batho ba ba tsenwang ke mogare wa HIV.

Fa a bua kwa tirong ya go simolodisa kgwedi ya thapelo kgatlhanong le HIV/AIDS, Rre Daki, o ne a supa fa se se busetsa kwa morago maiteko a puso a go tlhabolola matshelo a Batswana.

Rre Daki o ne a supa fa banana ba ba santseng ba le kwa tlase ka dingwaga e le bone ba ba amegileng thata, a tlhalosa fa se se netefatswa ke dipalo tse di kwa godimo tsa go ima ga bone.

O ne a tswelela ka go supa fa lephata la botsogo le lemogile fa mo nakong ya gompieno borre ba le bantsi batshwarwa ka malwetse a dikobo fa go tshwantshanngwa le dingwaga tse di fetileng.

Rre Daki o supile fa ba botsogo ba santse ba le mo ditlhotlhomisong go bona gore seo se bakwa ke eng.

O ne a kgothatsa Batswana go sekaseka ka fa ba tshelang ka teng go re ba tile ditsela tse di ka ba tsenyang mo diphatseng tsa go tsenwa ke mogare.

Rre Daki a re Botswana o fitlheletse maitlamo a lone a go thibela mogare go tswa kwa go mmangwana go ya kwa leseeng, a re le fa go ntse jalo go santse go na le bomme ba ba tlogelang diritibatsi, mme ba bo ba tswelela ka go amusa bana.

Rre Daki o ne a supa fa ba setse ba gatisitse dikgang di le nne tsa bana ba ba tsenweng ke mogare ka mabaka a go nna jalo mme a kgothatsa bomme go tsaya boikarabelo jwa bana ba bone.

Mme Kgalalelo Molenga go tswa kwa lekgotleng la BOCAIP o ne a supa fa puso e lemoga seabe sa dikereke mo go lwantsheng HIV/AIDS, a re ke tsone tse di akareditsweng mo go tseyeng karolo ya go bo lwantsha.

Mme Molenga a re puso e leka ka bojotlhe go lwantsha mogare, a re se se netefatswa ke tshimolodiso ya go tsenya botlhe ba ba tshwerweng ka mogare mo kalafing, go na le go letela gore masole a mmele a wele kwa tlase.

Fa a tswa la gagwe, kgosi wa kgotla ya Kagiso kwa  Selebi Phikwe, Kgosi Josephine Legwaila, o supile fa go tshwenya go bona dikereke dingwe le morafe ka karetso ba tsweletse ka go ikgogela morago mo ditirong tsa setshaba. BOKHUTLO

 

 

 

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : kgwedi ya thapelo kgatlhanong le HIV/AIDS

Date : 10 Sep 2019