Tona o rotloetsa dikereke go nna le bokao
10 Sep 2019
Tona wa Lephata la tsa Boagedi, Mesepele le Bong, Rre Ngaka Ngaka, o kopile dikereke go dira ka thata go aga le go popaganya setshaba.
E rile a bua kwa kokoanong ya kereke ya Tiberia kwa Thamaga ka Matlhatso, Rre Ngaka a supa fa dikereke di tshwanetse go tlhotlheletsa tsholofelo mo setshabeng.
A re go a tshwenya go bona dikgang dingwe di gomagometsa go leswafatsa serodumo sa dikereke.
Rre Ngaka o kgadile boeteledipele jwa dikereke dingwe jo bo inaakantseng le bobelotshetlha le go ikgatholosa maikaelelo a kereke.
O ne a ikuela mo phuthegong ya Tiberia go hema ditiragalo tse madi a tsenang mo di kerekeng a sena bokao ka maikaelelo a go a tlhatswa, a kopa gore diiemo tsa go nna jalo di elwe tlhoko, ka a re di ka sulafatsa kagiso e e solofelwang mo tsamaisong ya dikereke.
Rre Ngaka o ne a kopa gore kgolo ya dikereke e seka ya kaega fela ka dipalo, mme e bonale mo go bopeng le go lere pharologanyo mo matshelong a batho.
O ne a gakolola gore ke boikarabelo jwa mongwe le mongwe go akaretsa dikereke mo go bopeng le go aga malwapa, le gone go thusa go dira ka gotlhe go lwantsha dikgang tsa dintwa tsa malwapa le botlhoka tsebe jwa bana.
Tona o rotloeditse baphuthegi ba Tiberia go diragatsa tshwanelo ya bone ya molao ka go tsaya karolo mo ditlhophong tsa setshaba kgwedi ee tlang.
A re go botlhokwa go tsaya karolo mo thulaganyong ya ditlhopho, ka e le tshwanelo ya Motswana mongwe le mongwe yo o lekaneng go ka tlhopha go tsaya karalo.
Rre Ngaka o ne a abela kgosi ya kgotlana ya Modimele, Rre Raobene Sebikiri, ditilo di le masome a mabedi tse kereke eo e di reketseng komiti ya kgaolo ya ditlhabololo tsa motse.
Fa a tswa la gagwe, mokhanselara wa kgaolwana ya Thamaga Bokone, Rre Palelo Motaosane, o ne a gakolola ka botlhokwa jwa dikereke go nna karolo ya lekgotla la baruti la Minister’s Fraternal le le ka thusang go kanoka boleng jwa dikereke tse di runyang.
Bishop Phulego Mogobe wa kereke eo, o ne a lebogela thotloetso ya gangwe le gape e ba e fiwang ke Tona Ngaka mo tsamisong ya kereke ya Tiberia.
A re thotloetso e ba tiisa moko mo tsamisong ya bone ya go godisa lefoko la Modimo. ENDS
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : THAMAGA
Event : kokoano ya kereke ya Tiberia
Date : 10 Sep 2019