Baithuti ba kgothaditswe go ikemela ka dinao
09 Sep 2019
Mothusa tona wa lephata la thuto e kgolwane, Rre Moiseraele Goya, o kgothaditse baithuti ba sekole se segolwane sa Lotsane go tlhaloganya boleng jwa thuto.
Fa a bua kwa moletlong wa kabo dimpho kwa sekoleng seo ka mafelo a beke, Rre Goya o ne a tlhalosa botlhokwa jwa go tokafatsa seemo sa thuto.
O ne a kgothatsa baithuti go tsaya dithuto tsa bone ka tlhwaafalo gore di tle di ba sologele mosola mo isagong.
E rile a tswa la gagwe, mogwebi go tswa kwa Prince Investments, Rre Palo Mokwena, le ene a kgothatsa baithuti go lemoga boleng ja thuto.
Rre Mokwena o ne a tlhalosetsa baithuti fa sengwe le sengwe mo botshelong se berekelwe gore motho a se fitlhelele, ka jalo a supa fa go ikitse le go nna le tumelo ele tsone ditlhabano tse di ka ba tshegetsang mo dithutong tsa bone.
A re baithuti ba tshwanetse go ithulaganya gore ba kgone go fitlhelela ditoro le dikeletso tsa bone, ka a lemoga sentle fa ba na le bokgoni jwa go dira jalo.
O ne a ba kgothatsa gore go mo maruding a bone go inaakanya le tse di ka ba tsweleng mosola, go na le go inakanya le tse di ka ba senyetsang bokamoso.
Rre Mokwena a re fa moithuti a tsene mo ntlong ya borutelo ka bo ene o setse a itse se a batlang go nna sone mo botshelong.
A re go dingwaga sekole sa Lotsane se gapa maemo a botlhano mo dikoleng tsa kgaolo e se mo go yone, a tlatsa fa go sena sepe se se palang gore sekole seo se ka gapa maemo a ntlha fela fa baithuti ba ka ikitaya ka thupana gore ba berekele maemo ao.
Ka jalo o ne a rotloetsa baithuti ba mophato wa botlhano a re ke bone ba ka ipetlelang bokamoso, fela jaaka setswana se re moremogolo go betlwa wa taola wa motho oa ipetla.
Mogokgo wa sekole seo Mme Dineo Gabete ene o ne a supa fa maikaelelo a barutabana le batsadi e le go baya seelo sa sekole sa Lotsane fa go tshwanetseng morago ga go lemoga fa seo se ka kgonega.
Mme Gabete a re baithuti ba sekole seo, ba na le bokgoni jwa go tlola seelo se se beilweng ka go dirisa botlhale jwa bone ka go ntsha maduo a a kwa godimo ka ba na le bokgoni.
A re seo se tlhoka boikarabelo ja botlhe ba ba amegang go tshwaraganela kgodiso ya ngwana ka maikarabelo le maikemisetso a go ntsha maduo a a amogelesegang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : PALAPYE
Event : Moletlo wa kabo dimpho
Date : 09 Sep 2019