Kgosi o akgola kereke ya Holy Galilee
09 Sep 2019
Kereke ya Holy Galilee e akgoletswe go supa mowa wa kutlwelo botlhoko lefatshe ka bophara.
Kgosi wa kgotla ya Kelele kwa Mmadinare, Kgosi Matshwenyego Mosweu, o buile jalo kwa bokopanong jwa maloko a kereke eo kwa Mmadinare ka Matlhatso.
O ne a kgothatsa maloko go nna le tumelo le lerato ka seo se ka ba tiisa moko go tswelela ba lemoga ba ba tlhokang.
O ne a supa fa tumelo e e senang ditiro e sena mosola ka e ka seka ya dira pharologanyo mo matshelong a batho ba bangwe.
Kgosi Mosweu o ne a supa fa ditiro le tsamaiso ya dikereke tsa semoya di tsamaelana le ngwao ya Setswana ka jalo di tshwanetse go salwa morago ka e le tsone di bopaganyang setshaba.
A re ditiro tse di maswe tse di tsweletseng tsa go dirisa bana botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo le dipolaano di supa fa dikereke le boeteledipele ba santse ba lebanwe ke tiro e ntsi ya go fetola motho.
Kgosi Mosweu o ne a kopa maloko a Holy Galilee go ikgapha mo dikubetsanong le dikgotlhang tse di diragalang mo dikerekeng ka se se baka letlhoo le le diang bakeresete go dira tiro ya Modimo.
O ne a ba kgothatsa go nna pelotelele le go batla ditsela tse di siameng tsa go rarabolola dikgang pele di tswela mo matlhong a setshaba ka se se dira gore batho ba lebe dikereke ka tsela e e sa siamang.
E ntse e le kwa bokopanong joo, modulasetilo wa lekgotla la dikereke tsa semoya Moruti Rantsudu Rantsudu o ne a supa fa Holy Galilee e le leloko la lekgotla la dikereke mme e bile ditiro tsa yone di bonala lefatshe ka bophara.
Moruti Rantsudu o ne a kgothatsa maloko a kereke go ithuta mo baeteledipele ba bone gore e re nako e ba tlaa bong ba seyo ba dire se se tlhokafalang go tshegetsa serodumo sa kereke.
Go ne kwa bokopanong joo Holy Galilee e ne ya abela batlhoki dikobo le melora tse di lopileng P15 000.
Moruti Boikaego Rampha yo e leng mokwaledi mogolo wa kereke, o ne a supa fa molao motheo wa dikereke o tsamaelana le tebelopele ya setshaba ya go aga setshaba se se kutlwelo botlhoko e bile se le lerato.
Moruti Rampha o ne a supa fa ba itshegetse tema ya go re ngwaga le ngwaga ba abele batlhoki ka se se dira pharologano mo matshelong a bone.
Maloko a kereke a ne a gakololwa fa letsatsi la ditlhopho le setse le beilwe mme ba rotloediwa go ya go tlhopha ka dipalo tse dintsi.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : MMADINARE
Event : bokopano jwa maloko a kereke
Date : 09 Sep 2019