Breaking News

Puso e itumile molomo wa tlase go thusa ba ba kobo dikhutshwane

08 Sep 2019

Tona wa Ditswa-mmung, boranyane jwa pabalelo tikologo le tshomarelo ya tsa kgotetso, Rre Eric Molale, a re puso e lemoga botlhokwa jwa go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.

O tlhalositse se fa a ne a bula semmuso nngwe ya matlo a a masome a mabedi le botlhano mo kgaolong ya Borolong a a agetsweng batlhoki kwa Mmakgori bosheng.

O kaile fa matlo a agetsweng batlhoki mo kgaolong e, e le maiteko a dikhamphani tse di farologanyeng mme ba itlamile go thusa setshaba.

Tona Molale o ne a supa fa  Mme Sophie Bock le ba bangwe ba ba neetsweng matlo, ba tlaa boelwa ke seriti mme a kopa gore matlo a, a tlhokomelwe.

Fa a tswa la gagwe, mokwaledi wa khansele ya kgaolo potlana ya Good Hope, Rre Robert Rabasimane, o ne a supa fa khansele le ofisi ya ga molaodi di le motlotlo go ipelela go agiwa ga matlo ao.

O galaleditse baagi ba kgaolo eo, go bo ba feditse go aga matlo ao ka nako, a supa fa se se supa fa ba na le tirisanyo mmogo. 

O ne gape a galaletsa Rre Molale go bo a ba eme nokeng 

Rre Rabasimane o kaile fa moletlo o, o le botlhokwa ka o supa gore lenaneo la go agela batho matlo le tswa tema. 

Mongwe wa baagi ba matlo a, Mme Lesego Gaegane, o ne a galaletsa puso go tswelela e thusa setshaba, a tlhalosa fa ba le motlotlo go bo ka nako tsotlhe ba fetsa matlo a bone ka nako mme a kaya fa se e le go bereka ka natla le gone go bereka le khansele ka nako tsotlhe.

 O rotloeditse bomme ba bangwe go inaakanya le tsa kago a supa fa ditiro tsa kago di le dintsi di emetse bone fela gore ba tsene mo go tsone.

 O kaile fa setshaba sa Botswana se ka agiwa botoka ke bomme ka jalo a eletsa go bona bontsi jwa bomme e le baagi.

E rile a leboga mo boemong jwa ba ba agetsweng matlo, Mme Bock o ne a galaletsa Modimo mme gape a leboga puso go nna le lerato. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Bakang Segokgo

Location : Mmakgori

Event : Pulo semmuso

Date : 08 Sep 2019