Breaking News

Ntlo ya borobalo ya baithuti kwa Mphuthe e shele

08 Sep 2019

Ntlo ya borobalo ya baithuti kwa sekolong se segolwane sa Mphuthe kwa Letlhakeng e jelwe ke molelo.

Mogolwane wa batlhokomedi ba baithuti ba ba nnang kwa sekolong seo, Mme Kemo Seboko, a re go belaesega fa baithuti bangwe ba basimane ba tlogetse emere e ba thuthafatsang metsi ka yone e tshubilwe.

O tlhalositse fa ba sa letlelele gore bana ba ithuthafaletse metsi kwa matlong a borobalo.

Mme Seboko o supile fa ba tlhatlegela bana metsi kwa isong ka ditanka tse ditona. 

A re le ntswa ba kgalemile ka tiriso ya diemere, baithuti ga ba emise go di tsenya mo sekolong ka bokukuntshwane.

O tlhalositse fa molelo o bonwe ke barutabana ba sekolo se se botlana sa Letlhakeng, mme ba tlhaba mokgosi. 

Mme Seboko o boletse fa go shele materase, dikobo, diaparo, dibuka, paka ya sekolo le tse dingwe. 

O tlhalositse fa go nna basimane ba le lesome le bobedi mo ntlong eo. 

Mogolwane wa setima molelo go tswa kwa kampeng ya masole ya Thebephatshwa, Rre Kabo Modise, o supile fa dikgaolo ka bontsi di sena ditima molelo mme go botlhokwa gore ba ithute ka ipabalelo fa ba tlhasetswe ke molelo.

Rre Modise o kaile fa bagolwane ba motse ba ka ikopanya mme ba ba kwalela ba kopa go tla go rutwa ka ipabalelo, a supa fa se se diragetseng se le kgatlhanong le itshireletso.

O tlhalositse fa ba fitlhetse molelo o setse o timilwe ke ba ditimamolelo go tswa kwa Molepolole.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : Letlhakeng

Event : Potsolotso

Date : 08 Sep 2019