Emisang go bipa dikgang tsa kgokgontsho
08 Sep 2019
Mookamedi wa mapodisi kwa kgaolong ya bokone jwa legare, Senior Assistant Commissioner Christopher Mbulawa, a re dikgang tsa kgokgontsho di tlhoka go rarabololwa ka tlhomamo.
Rre Mbulawa o buile se mo phuthegong ya kgotla kwa Mahalapye bosheng.
O ne a rotloetsa batsadi go sireletsa bana a re ba seka ba raelwa ke ope go tsholola dikgang.
“Emisang go dira dilo tse di supang go tlhoka boikarabelo. Mo mabakeng a mangwe, botlhale bo ja mong wa jone, ka jalo ntshang bosupi le thuse mapodisi go lwantsha borukuthi,” Rre Mbulawa a gakolola.
O supile gore dikgang tsa borukutlhi kwa Mahalapye ga di jese diwelang.
Rre Mbulawa a re dikgang tsa go thubiwa ga matlo, go utswiwa ga megala ya motlakase le melato e e amang bakgweetsi ga di robatse morafe le mapodisi a kgaolo ya Mahalapye.
A re seemo seo se supa gore botlhoka tsebe bo ile magoletsa kwa Mahalapye.
“Re batla go tlhomamisa gore banni ba Mahalapye le baeng ba bone ba sireletsegile. Go na le palo e potlana ya bangwe ba ba tshedisetsang banni ba Mahalapye mo kgobedung,” Rre Mbulawa a supa.
A re bosheng, ka maiteko a go tsibogela seemo, mapodisi a boloditse letsholo kwa Mahalapye le le simolodisitsweng ke lekalana la Special Support Group (SSG), mme la salwa morago ke le lengwe la bomme ba mapodisi ba le lekgolo.
“Maikaelelo a rona ke go tsisa thitibalo mo Mahalapye,” Rre Mbulawa a tlhalosa, a tlatsa ka gore ntle le go phuruphutsha ba ba belaelwang, letsholo le ne le tsamaya le ruta mo dikolong le dikereke ka botlhokwa jwa gore morafe o tshwaragane le mapodisi go lwantsha borukuthi.
Rre Mbulawa a re go a tshwenya go bona bangwe ba tsweletse ka go amogiwa dithoto le madi mme ba tsiediwa motlhofo ke batho ba ba sa ba itseng.
O tlhalositse gape gore tiriso ya ditagi le botlhoka tsebe di tsenelela le mo mafelong a a itshekileng jaaka dikereke.
“Matlho a rona re le mapodisi ga ana go katoga Mahalapye. Le fa re ka itlama gore bodiredi jwa rona bo tlaa dira ka natla go sireletsa Mahalapye mo dirukutlhing, ga re kake ra kgona ntle le tshwaragano ya lona. Fa re ntse re tsweletse ka tiro ya rona ya go lwantsha borukuthi, ga go nne monate mo matshelong a lona, ka gore mo mabakeng mangwe re kgona go kgoreletsa mesepele ya lona ka nakwana re sa ntse re phuruphutsha tse re di batlang,” Rre Mbulawa a tlhalosa.
Mookamela lekalana la mapodisi la pharakano, Senior Assistant Commissioner Katholo Mosimanegape a re ka tsamaiso ya molao, mongwe le mongwe o tshwanetse go nna le seabe mo go lwantsheng borukutlhi.
Rre Mosimanegape a re itshireletso e e dirwang ke batho mo malwapeng ka mabotana, dintsa, terata tsa motlakase lego hira badisa dikago, ke sesupo sa gore borukuthi bo tsere phekelo e sele mo batho ba tshelela mo poifong ka ba lemoga fa ba sa sireletsega.
“Ga re eletse go bona le tlhorwa boroko ke dirukuthi, re batla go bona le nna ka kagiso,” Rre Mosimanegape a tlhalosa. A re go utlusa botlhoko go thanya mo borokong o fitlhela mongwe yo o sa mo itseng a ipipile sefatlhego a go supile ka sengwe se se borai.
O supile fa dikotsi tsa tsela tse di tsweletseng ka go gapa matshelo a batho, bontsi jwa tsone di bakwa ke go tlhoka boikarabelo.
“Go itumela ga se molato, le fa go ntse jalo boitumelo bo seka jwa sira dikakanyo tsa gago le kelelelo mo o felelang o dirile kotsi kana ditiro tsa borukuthi,” Rre Mosimanegape a gakolola. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : Mahalapye
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 08 Sep 2019