Breaking News

Bokopano jwa WEF bo mosola

08 Sep 2019

Bokopano jwa World Economic Forum (WEF) bo fa baeteledipele ba mafatshe sebaka sa go supa ka fa ba ka tlhabololang ka teng mafatshe a bone mo go tsa itsholelo.

Fa a bua kwa bokhutlong jwa phuthego, e e neng e tshwerwe kwa Aferika Borwa, Tautona Dr Mokgweetsi Masisi, o boletse fa bokapano jo, bo mo file sebaka sa go buisana le baeteledipele ba bangwe ka tse di ka godisang itsholelo ya lefatshe.

O ne a rotloetsa bagwebi go etela Botswana ka a na le kagiso, e bile Batswana ba itse go amogela baeng.

“Ke sone se le boneng kele fa go kopana le batho ba gore re abelana megopolo, re ithuta mo go bone le bone ba ithuta mo go rona.”

A re bokopano  bo netefatsa gore ga go na lefatshe le le salelang kwa morago go lebilwe maitlamo otlhe jaaka a Sustainable Development Goals (SDGs), lenaneo la African Union la Agenda 2063 le tebelopele ya Botswana ya Vision 2036.

Tautona Masisi o supile fa se se botlhokwa e le gore Batswana ba itse fa babeeletsi ba tla ka matlhale, madi le tse dintsi tse Botswana a senang natso.

A re Batswana ba tshwanetse go itlwaetsa mowa wa popagano le go atla batho, dikgwebo le makgotla.

 A re fa Batswana ba ka nna le mowa o, lefatshe la Botswana le tlaa buiwa sentle ke baeng, mme se se dire gore bontsi bo le kgatlhegele. 

A re se ke maitlamo a magolo a go tlhabolola itsholelo le go rotloetsa papadisanyo le mafatshe a mangwe

A re go beilwe monwana tumalano ya papadisanyo le mafatshe ya Aferika e e tla okang batho ba le 1.3 billion.  

Ka jalo o gwetlhile  Batswana go di goga kwa pele mo go tumiseng lefatshe la bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mmoniemang Motsamai

Location : Capetown

Event : Bokopano

Date : 08 Sep 2019