Breaking News

Joy-Ride-Runx e abela baithuti ba Shadishadi

08 Sep 2019

Mokgatlho wa Joy-Ride-Runx Social club o abetse baithuti ba sekolo se sebotlana sa Shadishadi kwa Kweneng dimpho tsa madi a a fetang P10 000.

Motlhokomedi wa baithuti ba ba nnang kwa sekolong seo, Mme Mpule Kgosiang, o tlhalositse fa bana ba ba nnang kwa sekolong ba le makgolo a mararo le bosupa, fa ba ba nnang kwa motseng ba le makgolo a mabedi.

Mme Kgosiang o tlhalositse fa baithuti bangwe ba ba tswang mo tikologong ya metse ya Sojwe le Shadishadi ba tlhokomelwa ke khansele ya Kweneng.

Mothusa mogokgo wa sekolo seo, Mme Sekgabo Molatlhiwa, a re sekole se simolotse ka ngwaga wa 1976 e le sekolo se go tlhokomelang bana ba ba tswang mo tikologong e.

O tlhalositse fa go ne go tlhokomelwa bana le kwa sekolong sa Sojwe, mme khansele ya bona gore e ikimetsa morwalo, ka jalo ya tsaya tshwetso ya go tlhokomelela bana mo lefelong le le lengwefela.

O tlhalositse fa maduo a ditlhatlobo a sekole seo a reketla, a supa fa erile ka ngwaga wa 2016 a maduo a ne a le 52 per cent, ka ngwaga wa 2017 ya nna 41 per cent mme ngogola ba dikile ba dirile 43 per cent.

Mme Molatlhiwa o solofeditse fa monongwaga ba solofetse maduo a a nametsang pelo. 

Mogolwane wa tsa bodiragatsi kwa Joy-Ride-Runx, Mme Elizabeth Kaisara o ne a supa fa erile ngogola, a kgabodisa dikgang tse di neng di supa fa baithuti ba sekolo seo ba na le letlhoko, mme a tsibosa kgang e.

O tlhalositse fa ba ne ba tsaya matsapa go ya go iponela ka matlho gore tota go na le letlhoko la eng, mme a feta a tlhalosediwa ka botlalo.

Sebui sa tlotla, Rre Aobakwe Gokatweng, o ne a kopa baithuti baa Shadishadi go ithuta thata fa ba batla go ipona ba tshela ka fa ba eletsang ka teng.

 O ba kopile go seegela fa thoko sengwe le sengwe se se ka ba kgoreletsang mo dithutong tsa bone jaaka go lwa, go nwa bojalwa, go goga motsoko le gone go bua maaka, mme ba tsepame mo dithutong fela.

Mmaboipelego go tswa kwa khanseleng ya Molepolole, Mme Ontlametse Ngwako, o ne a tlhalosa fa ba itumelela se ba mokgatlho oo ba se dirileng, le gone go tsaya nako ya bone go tla go kgothatsa bana. 

O tlhalositse fa ka dinako tse dingwe bana ba sulafalelwa ke go tlhola ba utlwa lentswe la motho a le mongwe fela.

Mme Ngwako o boletse fa baithuti bao ba thusiwa ke khansele mme ka dinako tse dingwe fa madi a go ba tlhokomela a tlhaela, ba tsaya madi a ditiro tse dingwe go fa bana bao se ba se tlhokang.

O tlhalositse fa bana bao ba thusiwa ka diaparo tsa kwa lwapeng, paka ya sekolo, dikobo le melora le gone go ba isa bongakeng go ya go lekolwa ke ngaka, le fa dikolo di tswetswe.

Ba mokgatlho oo ba ne ba abela sekolo motshine o o ntsifatsang dipampiri, segoagoe, melora, dikopi, dipoleiti, dipene le tse dingwe.

Fa a lebogela dimpho tseo morutabana Mme Cecila Sebako o ne a lebogela Botswana Television go gasa letlhoko la sekolo sa bone, mme mokgatlho wa Joy-Ride wa tsibogela letlhoko.

 O kopile ba Joy-Ride go nna le kgolagano ya sennela ruri le sekolo seo.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : Shadishadi

Event : Kabo dimpho

Date : 08 Sep 2019