Breaking News

Balemi ba rotloeditswe go somarela bokgola

08 Sep 2019

Balemi ba kgaolo ya Borwa ba rotloeditswe go dirisa mekgwa ee botoka ya go somarela bokgola.

Kgakololo e, e ntshitswe ke mogolwane wa lephata la temo-thuo wa kgaolo, Mme Monia Mfolwe kwa moletlong wa Dikgafela kwa Moshupa bosheng.

A re ditshekatsheko tsa tepo loapi di supa fa pula ya ntlha ee solofetsweng kgwedi e e tlang e tlaa e le boutsana. 

Ka jalo go botlhokwa gore balemi ba dirise di tsela tsa go somarela bokgola jaaka go pitikolola mmu mme ba sa o phatlalatse.

A re go dira jalo go thusa gore bokgola bo diege mo mmung mme dijwalo di kgone go tshela.

Mo godimo ga moo, Mme Mfolwe o ba gakolotse gore ba seka ba itlhaganelela go jwala morago ga dipula tsa ntlha ka di tlaa bo di sa lekana go ka godisa dijwalo.

O ba rotloeditse go jwala ka kgwedi ya Sedimonthole ka e le yone nako e go solofetsweng dipula tse di nametsang.

Mme Mfolwe o ne gape a ba gakolola go ntsha mohero mo masimong ka o dirisa bokgola jo bo neng bo ka ba solegela molemo.

O tlhalositse fa lesika loo mabele le dinawa e le lone le itshegeletsang ka nako ya leuba fa di tshwantshanngwa le mmidi.

A re dijwalo tse dikhutshwane ke tsone di tshelang botoka fa bokgola bo tlhaela.

Mme Mfolwe o kgadile go dirisa mananeo a akaretsang la ISPAAD le ditlamelo tse dingwe e se ka fa tsamaisong.

A re go na le batho ba ba dirisang maina a bana go ikwadisetsa ditlamelo tseo, selo se a reng ga se ka fa tsamaisong.

E ne e erile go le pele, Rre John Stegling wa lephata la tepo loapi a tlhalosa fa pula ya ntlha ee  solofetsweng kgwedi e e tlang e tlaa nna boutsana.

A re seemo sa phetogo ya loapi se ne sa dira gore selekanyo sa pula se fokotsege mo dingwageng tse di fetileng, mme kgaolo ya Borwa e solofetse pula e e kwa tlase mo dikgweding tsa Phalane, Ngwanatsele le Sedimonthole.

O boletse fa selekanyo sa pula se tlaa tokafala fa paka ya pula e tsamaela kwa motsubong ka go solofetswe dipula tse di nametsang ka dikgwedi tsa Tlhakole le Mopitlo ngwaga e e tlang.

Rre Stegling o tlhalositse fa seemo se se raya gore paka ya pula monongwaga, e tlaa nna khutshwane mme go le botlhokwa gore balemi ba tsiboge ka fa go tshwanetseng ka teng.

Mongwe wa ba balemi ba kgaolo ya Moshupa, Mme Neo Kontle, o tlhalositse fa pula e e boutsana e tlaa dika e ba beile ka fa mosing ka go lema mmidi go le bogadi bo gaufi fa go tshwantshanngwa le mabele. 

A re le fa mmidi o tlhoka pula e ntsi, o na le dipoelo tse di botoka ebile o ka dirisiwa dilo di le mmalwa.

Mme Kontle a re ntle le go jewa ke batho, o ka silwa wa tlhakanngwa le letlhaka mme wa rekisediwa barui e le dijo tsa lerruo, fa mabele o ne a sena tiriso epe ntle le go silelwa go dira bogobe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : Moshupa

Event : Dikgafela

Date : 08 Sep 2019