Breaking News

Kgosi o tshwanelwa ke tlotlo

05 Sep 2019

Mokhanselara wa kgaolwana ya Letlhakeng Bokone Mme Stella Segwagwa o gakolotse ka botlhokwa jwa go tlotla le go fa kgosi Kgari Sechele III tlotla e e mo lebanyeng mo diphuthegong tsa kgaolo le tsa khansele.

 E rile ba akgela morago ga mafoko modulasetilo wa khansele Rre Jeffrey Sibisibi kwa Molepolole ka Mosupologo Lwetse a tlhola gabedi, mokhanselara Segwagwa o ngongoregetse gore batho ga ba eme ka dinao fa kgosi a tsena.

Mme Segwagwa o ne a tlhalosa fa go le botlhokwa go lemoga kgosi gangwe fa a tsena mo gare ga morafe, jaaka go ema ka dinao. 

“Ke tshwenngwa ke gore jaanong go lebega go na le go itlhokomolosa tsamaiso ya ngwao, ka go lemoga le go tlotla mapolotiki, segolobogolo go na le setilo sa bogosi jo e leng jone bo okametseng bogolo jwa kgaolo,” ga gakolola mokhanselara Segwagwa.

O ne a tlhalosa fa batho ba tshwanela go itse fa ‘kgosi e le kgosi ka morafe wa yone, ka jalo go le botlhokwa gore batho fa ba tsena mo kgaolong ba ithute tsamaiso mo beng-gae.”

Mokhanselara wa Salajwe Rre Lopang Sebutlenyane, o ne a lela ka bothata jwa gangwe le gape jwa go tlhoka maiteko a a dirwang go tokafatsa seemo sa tsela ya Letlhakeng/Salajwe e a supanag e tswa kgakala e le matshwenyego a kgaolo eo.

Mokhanselara Sebutlenyane o lebogetse thata maiteko a tsweletseng a go tokafatsa seemo sa dikago tsa sekole se segolwane sa Lempu kwa Salajwe, se e rileng bosheng sa tlhaselwa ke bolwetse jwa go tekesela.

O bile a gakolola gore seemo sa dikago tsa puso se ne se tsibogelwa ka nako go hema go tsaya dikgato mo mabakeng a pitlagano, dilo di dule mo taolong.

Mo dikgannyeng tse dingwe, makhanselara a Mokwena ba supile matshwenyego ka thulaganyo e ba reng ga e na morero ya go tsamaisa moletlo wa ngwao ya Bakwena wa Dithubaruba.

Makhanselara mangwe jaaka Rre Solomon Ramalejane, a re, e re thulaganyo ya Dithubaruba e tshwara madi a mantsi a go dumelwang e le dithoto tsa morafe, ga e na morero mme dilo di direlwa kwa thoko go ikgatholosiwa se e leng tshwanelo.

O ne a gatelela botlhokwa jwa tekodiso ka dinako tsotlhe gore morafe o nne le kitso ka dithulaganyo tse di dirwang di akaretsa madi a a kokoanngwang ka leina la morafe wa Bakwena. 

Mokhanselara wa Ditshegwane/Maboane, Rre Tsabahule Kgothang o ne a  kopa gore go dirwe thulaganyo ya go neela motsana wa Masope tshwanelo ya go amogela ditirelo ka fa tlase ga motse wa Maboane.

Rre Kgothang o ngongorega gore motsana wa Masope o o nang le batho ba le 155 o beilwe ka fa mosing, le mororo metsana ya seemo seo e akaretsa Kgesakwe ya batho ba le 74 e diretswe thulaganyo e e maleba ka fa tlase ga thulaganyo ya go tlhomamisiwa ga metse.

Mokhanselara wa Kumakwane mme Winnie Cassim, o gakolotse ka botlhokwa jwa go rutuntsha makhanselara ka ditsamaiso tsa khanselele le boitshwaro jo bo solofelwang mo go bone pele ba ka simolola tiro ya go emela dikeletso tsa batlhophi ba bone.

Mafoko a ga Mme Cassim a iteetswe kobo moroko ke mokhanselara Slumber Mokgosi, yo le ene a geteletseng ntlha ya go gakolola boemedi jwa sepolitiki go itse fa kemedi mo tirong ya bone e tsamaelana le boikarabelo.

Ka jalo o ne a rotloetsa gore a tsamaiso ya khansele mo lobakeng lo lo tlang e tlotlwe le go tsewa ka tlhoafalo dinako tsa go dira thomo ya setshaba gore batlhophi ba tswelele ba lemoga botlotlegi jwa baemedi ba bone.

Mokhanselara Mokgosi o ne a supa fa a tshwenngwa ke se a lemogang e le tlwaelo ya go ikgatholosa tsamaiso ga makhanselara mangwe ka go sa tseneng diphuthego tsa khansele ka fa go tshwanetseng ka teng, le go ikgatholosa boikarabelo jo ba bo tshwereng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : MOLEPOLOLE

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 05 Sep 2019