Monna o tshwaretswe go henahena ngwana
05 Sep 2019
Mogolwane wa mapodisi a Sejelo kwa Kanye, Superintendent Mogomotsi Matlapeng a re ba tshwere monna mongwe mabapi le magatwe a gore o dirisa ngwana botlhaswa.
Supt Matlapeng a re monna yoo o tshwerwe morago ga gore mapodisi a amogele pego ka mme mongwe a supa fa go na le monna mongwe yo o dirisang ngwana wa gagwe botlhaswa.
Supt. Matlapeng a re monna yoo, yo o dingwaga di masome a mane le boferabobedi wa meraka ya Longwe, go bonala a ntse a tlhakanela dikobo le ngwana wa dingwaga tse some kwa merakeng ya Lotlhware kwa e leng gagabo mosetsanyana yoo.
Supt Matlapeng a re mo nakong eno, ngwana o isitswe kwa kokelong go thusiwa ke ba bongaka, fa monna yoo a tlaa itshupa fa pele ga lekgotla go arabela molato oo.
Mo dikgannyeng tse dingwe, monna wa dingwaga tse di masome mane wa kgotla ya ga Mafhikana kwa Kanye o ikaleditse.
Se se boletswe ke mogolwane wa mapodisi a Kanye, Superintendent Mmoloki Mogale mo potsolosong ka Labobedi,
Supt Mogale a re monna yoo, o fitlhetswe a akgega mo setlhareng mo sekgweng gone kwa ga Mafhikana, gaufi le mafaratlhatlha a ditlhaeletsanyo, morago ga gore go begelwe mapodisi fa a sa bonwe.
Supt Mogale a re rre yoo, yo e neng e le mmereki wa NFTRC mo Kanye, ga a a tlogela molaetsa ope.
O ne a kopa setshaba go kopa thuso fa ba na le mathata, go na le go ikgapela botshelo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ikotlhaeng Rantopele
Location : KANYE
Event : Pego ya Sepodisi
Date : 05 Sep 2019