Breaking News

Lephata la temo-thuo le rola terata

05 Sep 2019

 E rile bosheng, lephata la temo-thuo la tokafatso dijo la rola semmuso terata ya masimo a Phuduhudu e e sekgala sa dikhilomethara di le 32 mme e agilwe ka P3 million.

Mothusa mookamedi wa lephata la dijwalo, Mme Chada Mooketsi a re seo se ya go rurifatsa gore ba ntsha dijo tse di itumedisang mo masimong, ka terata eo e efa balemi sebaka sa go lema ka tshosologo, ba sa jelwe ke diruiwa.

Mme Mooketsi o ne a lebogela tirisanyo mmogo ya balemi ba kgaolo, a re e dirile gore ba kgone go agelela masimo.

A re masimo ao otlhe a dira ditema di ka tshwara 5 600, mme go ntse go lengwa fela di le 3 600, a tlatsa ka go re se se supa fa balemi ba Phuduhudu ba lema ba tlhoafetse.

A re terata eo e ageletse masimo a balemi ba le 33, mme o dumela gore fa ba ka tshwaraganela temo ya bone, kgaolo eo e ka ntsha dijo tse di ka jesang Botswana. 

Mme Mooketsi o ne a kopa balemi go tswelela ba dirisana le balemisi gore ba tokafatse temo, a bo a ba gakolola go ela tlhoko seemo sa phetogo ya loapi gore ba leme dijalo tse di tsamaelanang le diphetogo tseo.

Mogakolodi wa lenaneo la ISPAAD, Rre Kwenantle Gaseitsiwe a re puso e dira gotlhe go tokafatsa thobo, e le tsela ya go rurifatsa gore lefatshe la Botswana le nna le dijo tse di lekaneng.

A re puso e setse e abile diterata tse 33, mme bothata ke gore balemi ga ba dirise ditema tsotlhe tse ba di ageletseng.

Rre Gaseitsiwe a re fa balemi ba ne ba ka tlhoafalela temo, go ne go ka nna le thobo e e nametsang mme seo sa fokotsa theko ya dijo kwa mafatsheng a mangwe.

A re go setse go dirisitswe madi a a ka tshwarang P42 million go teratelela masimo a Batswana, mme ba tsweletse ka go amogela dikopo go tswa dikgaolong ka bontsi.

A re go a tshwenya gore le fa balemi ba ageletse masimo, go santse go na le sekgwa mo go one.

Rre Gaseitsiwe a re puso e batla go tsenya letsogo go thusa go oketsa thobo ka lenaneo la ISPAAD, a tlatsa ka go re temo e tshwanetse go nna kgwebo e e busetsang.

O ne gape a kopa ba ba sa diriseng masimo go a hirisa kana go a adima ba ba nang le keletso ya go lema, bogolo jang ka go na le tlhaelo ya mmidi, mabele le dijo tsa leruo.

Modulasetilo wa komiti ya kagelelo ya masimo, Rre Michael Gaorutwe a re ba ne ba ipopa, ba nna mowa o le mongwe gore ba agelele masimo.

Rre Gaorutwe a re e ne e se tiro e e motlhofo, ba lebogela gore kwa pheletsong ba kgonne go agelela  masimo, a re mme seo se tlaa ba thusa go tsena mo temong ka mashetla.

A re le fa go ntse jalo, ba santse ba na le letlhoko la motlakase, tsela, sediba le ditlhaeletsanyo gore ba kgone go tsena mo temong ba tlhoafetse. O lebogile botlhe ba ba nnileng le seabe mo go rurifatseng gore terata eo e felela e dirilwe.

E rile go le pele, mogokaganya ditiro tsa temo-thuo mo kgaolong ya Kweneng, Rre Edward Telekelo a re puso e tswa kgakala e ntse e eme balemi nokeng ka go ba teratelela le go ba fa dithuso tsotlhe tse ba di tlhokang.

A re ka jalo fa dinako di ntse di fetoga, puso le yone e tla ka mananeo a a ka thusang go tokafatsa le go thusa go dira thobo e e nametsang.

Rre Telekelo a re nako e e fetileng balemi ba ne ba teratelewla masimo ka bongwe ka bongwe mme ya re morago ga ditshekatsheko, puso ya tla ka lenaneo la go soboka masimo, maikaelelo e le go oketsa thobo le go sireletsa masimo mo dijing.    

Mongwe wa bagwebi ba masimo ao, Rre Mokwapa Ramosu a re ba lebogela go agelelwa ga masimo mme ba tlaa lema ka tlhoafalo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : PHUDUHUDU

Event : Tholo ya Terata

Date : 05 Sep 2019