Breaking News

Kgalagadi Borwa e tshwara mmabontle wa RADP

04 Sep 2019

Banana ba metse e e kgakala le ditlamelo kwa Kgalagadi Borwa ba filwe seriti e le lantlha go diragala gore go nne le dikgaisanyo tsa mmabontle wa Rural Area Development Programme (RADP) mo kgaolong ya bone.

Fa a bua mo maitisong a a neng a tshwerwe ka mafelo a beke, mogolwane wa khansele-potlana ya Tsabong, Rre Jimmy Mckenzie a re e ne e le la ntlha dikgaisanyo tsa mmabontle le rabontle tsa RADP di tshwarwa mo Tsabong mme di tseneletswe ke banana ba Kokotsha le Khawa e e tlhomamisitweng fa e le kgakala le ditlamelo.

A re banana ba ba ikgapetseng maemo mo mmabontleng yo, ba ne ba ipatlela phatla mo dikgaisanyong tse di tlaa tshwarwang kwa Hukuntsi ba kopane le ba ba tlaa bong ba dirile bontle kwa khanseleng-potlana ya Hukuntsi go ipaakanyetsa go leba motsemogolo Gaborone kwa ba tlaa gaisanyang le ba dikgaolo tse dingwe lefatshe ka bopara.

 A re metse yotlhe e e mo Kgalagadi e e lesome e mo ditogamaanong tsa RADP mme banana botlhe ba metse e, ba tlaa fiwa sebaka sa go supa ditalente tsa bone gore ba ba gaisitseng ba bangwe ba ye go nkgisanya magwafa le balekane ba bone kwa pele, kgang kgolo e le go ba fa seriti le go supa bokgoni jo ba nang le jone mo go tsa mmabontle le tsa ngwao.

A re banana ba, fela jaaka bana ba ba golelang fa go nang le ditlamelo tsotlhe, puso e ba thusa gore ba itshupe gore ba ka nowa moro ke lefatshe. 

Gape Rre Mckenzie o tlhalositse gore go dira jaana ke go rotloetsa tirisanyo mmogo, kamano, le ledula mo go ba ba nnang mo metseng e e kgakala le ditlamelo.

O tlhalositse fa banana bao ba ne ba rutuntshiwa sebaka sa dibeke tse pedi go ba fa maele le botsipa jotlhe jo ba bo tlhokang go tsenelela mmabontle le rabontle gore ba tle ba lemoge bokgoni jwa bone.  

O ne a gatelela gore go botlhokwa gore banana ba tshele ba le majato, ba kanotse sehuba ba itlhaloganya mme e bile ba kgona go kgothatsa ba bangwe ba ba nnang kwa metseng e e kgakala le ditlamelo.

Mmr Maipelo Kesenye yo e leng motshwarelela mookamedi wa lephata la thuto mo Kgalagadi, o tlhalositse gore go ntsha mmabontle wa RADP ke tiro e e manontlhotlho ka e ribolola bontle le botsipa jo banana ba tsholwang ka jone mme ba sa itse. 

Ka jalo, a re tiro e tshwana le ya mmabontle e direletswe gore e senole ditalente tsa banana bao. 

A re mongwe le mongwe o tsholwa a na le talente mme ga se batho botlhe ba ba itseng gore ba na le yone go fitlhelela ba tsenelela dikgaisanyo tsa mofuta o tse di bayang talente mo pepeneneng.

Mme Kesenye a re mmabontle le rabontle ba RADP ba tlaa supa dinaletsana tse di sa bonweng motlhofo ka gore ga se gantsi batho ba dumela gore batho ba dikgaolo tse di kgakala le ditlamelo ba na le talente. 

Ka jalo  a re go botlhokwa go lemoga gore banana ba metse eo le bone ba na le seabe se ba ka se neelang lefatshe.

A re moremogolo go betlwa wa taola, wa motho o a ipetla. 

O ne a  gatelela gore mongwe le mongwe o tshwanetse a tsaya maikarabelo a gore a godise talente ya gagwe gore e tle e mo tshetse e bo e ise lefatshe kwa pele.

Bomme ba ne ba gaisanya ba le lesome mme Onalenna Chabanga wa Kokotsha o ne a gapa korone. 

O ne a longwa serota ke Francinah Bless go tswa Khawa fa mosetsanyana Kenosi Manyoro go tswa Khawa ene a ikgapetse maemo a boraro.

Mo go borre, Ntwa Mphuthele go tswa Kokotsha o ne a itlhoma kwa pele, fa David Sesipi wa Kokotsha a tsere maemo a bobedi a salwa morago ke Olebogeng Matthys go tswa kwa Khawa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : TSABONG

Event : Maitiso a Mmabontle

Date : 04 Sep 2019