Masisi o akgola ba Boteti
04 Sep 2019
Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o akgoletse merafe ya kgaolo-potlana ya Boteti go dumela gore dipoelo tse di dirwang ka thekiso ya diteemane di akolwe ke botlhe.
A re ka go dira jalo, ba itshupile e le Batswana ba ba nang le boammaaruri e bile ba rata Batswana ka bone.
Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Letlhakane ka Labobedi, Tautona Masisi o ne a re ke bone ba agileng Botswana yo mosha, ba ntsha Batswana botlhe mo lehumeng, a tlatsa ka go re mokgwa wa gore re itemoge re le tshaba e e bopaganyeng o agile mo go bone.
Tautona Masisi a re le fa kgaolo ya bone e ne ya segofadiwa ka ditswammung tse di tlhwathwa kgolo jaaka diteemane, ba ne ba seka ba tsenwa ke mowa wa go eletsa go ja ba le nosi. “Fa le ne le dirile jalo fatshe la rona le kabo le sa tlhabologa,” ga tlhalosa tautona.
O ne a tlhalosa gore maikaelelo a gagwe ke go thusa Batswana go tswelela pele, a supa fa diteemane di fetotse matshelo, ka jalo go le botlhokwa go monela marulana pele ka go loga maano a go tswakanya le go disa itsholelo.
A re go botlhokwa gore Batswana ba dirise dikitso tsa bone go ntsha dithoto le ditirelo tse di farologanyeng tse di tlhokwang mo gae.
E re dikgang di eme jalo, Dr Masisi o ne a tlhalosa botlhokwa jwa go nna le seabe mo ditlhophong tsa setshaba.
A re sebaka se puso ya gagwe e neng e se filwe go tsamaisa lefatshe sa dingwaga tse tlhano, se tla kwa bokhutlong, ka jalo a gakolola banni ba Boteti go tlhopha baemedi ba ba dumelang ba ka betla bokamoso jo ba bo eletsang.
“Tlhophang se le se batlang. Ikakanyeng sentle gore le batla eng. Fa le mpha sebaka ke tlaa tswelela, mme fa tlhopho e le e mphileng e sa lekana, ke tlaa phutha mesobana ke boela gaetsho. Ga re na go tsenya dingalo ba le ba ikgethetseng,” ga bua jalo Tautona.
Go ne mo phuthegong eo, Tautona Masisi o ne a tlhalosa gore o amogetse mokwalo o tswa kwa go Rre Banyatsi Salutu le ba bangwe, ba itlhalosa e le baemedi ba mokgatlho wa Khweedom, o o buelelang ditshwanelo tsa bangwe.
A re mokwalo oo, o tlhalosa fa go na le batho ba letso lengwe ba ba sa tseweng sentle kwa Letlhakane ka ba tingwa tshwanelo ya go nna le ditsha tsa bonno.
Tautona Masisi a re batho bao ba re ke bone morafe wa ntlha mo Botswana, mme mo nakong eno ke bomaipaafela, ga ba abelwe lefatshe, ka jalo ga ba tlhophe.
E rile a tsibogela mokwalo oo, Tautona a re, “Fa o sa itumelela sengwe, o sa rate jaaka puso e dira, dirisa tlhopho ya gago go baakanya.
Fa o ngala, bangwe ba tlaa go tseela tshwetso.
Ke a ba gakolola, ke Batswana ba gaetsho, gore ba seka ba dira jalo, ba tlaa bo ba ithontsha tshwanelo”.
Tautona o ne a tlhalosa fa a ile kwa ka morero, mme a sa tshosediwe ka sengwe le sengwe, a tlatsa ka go re, “Puso ya batho ka batho e lo neela sebaka sa go tlhopha makhanselara le mapalamente.”
“Ke tsile go le bolelela gore, e sa le ka 2014 le re tlhopha go busa re eteletswe pele ke Tautona Khama, re ntse re tsweletse ka go rera le lona, ba ba nang le matshwenyego ba fiwa sebaka sa go ntsha mafatlha a bone, mme re batle ditlhaloso,” ga tlhalosa Tautona Masisi.
O ne a kopa morafe wa Letlhakane go tswelela ba rotloetsa kagiso le thitibalo. Le fa go ntse jalo, Dr Masisi a re fa morero o ka tlhaela, go tsoga modumo mme le fa go ntse jalo go na le tsela ya go batla tlharabololo.
Tautona a re le fa puso e ne ya emisa letsomo ka maiteko a go sireletsa diphologolo, e ne ya lemoga phoso ya gore morero o ne o sa dirwa ka botlalo, mme kiletso ya letsomo ya boelwa morago, go sena go rerwa le setshaba.
Le fa go ntse jalo, a re o tshwenngwa ke gore bangwe ba mafatshe a kwa moseja a a bapadisanyang le la Botswana ga ba dumalane le gore letsomo le bulelwe.
“Nna ke le Mokgweetsi Masisi, ke tlaa dira bojotlhe go sireletsa matshelo a batho, ga ke na go dira boatla kana bohatlha ke nyeletsa diphologolo, ke tlaa di baya mo selekanyong gore di kgone go laolesega. Ke tlaa kopa gore ka bonolo jo re ka bo kgonang re di busetse kwa mafelong a di a laoletsweng,” a wetsa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : LETLHAKANE
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 04 Sep 2019