A puso e seka ya bewa ka fa mosing ke ditumalano - makhanselara a Maun
28 Aug 2019
Makhanselara ba kgaolo-potlana ya Maun ba re go thona go bo puso e le mo kgatelelelong ya ditumalano tsa tshomarelo ya diphologolo di tshwana le tsa CITES of Wild Fauna and Flora go ka tsaya tshwetso e e maleba go laola seemo sa diphologolo tsa naga jaaka ditlou tse di tsweletseng ka go baya matshelo a batho mo diphatseng. Se se builwe ke mokhanselara wa Khwai-Mababe, Rre Kebareeditse Ntsogotho fa a ne a akgela mo pegong ya modulasetilo wa khansele, Rre Mmoedi Modiegi.
Pego ya modulasetilo e ne ya supa fa go na le batho ba ba golafaditsweng ke ditlou mo Maun mme a le mongwe o ne a latlhegelwa ke botshelo.
Rre Ntsogotho a re lefatshe le ka sekaseka fa tumalano tsa mafatshefatshe tse di sireletsang diphologolo jaaka CITES di sa gatelele lefatshe leno, a re go utlwisa botlhoko go bo matshelo a batho a latlhega ka ntlha ya diphologolo tsa naga, bogolo jang ditlou.
A re lefatshe la Botswana le ka dira teseletso ya go bolaya go fokotsa diphologolo tsa naga kgotsa go batla maele a mangwe jaaka go dira gore bontlha bongwe jwa diphologolo tsa naga e nne tse di tlwaediwang go nna le batlhokomedi.
Mokhanselara wa Sankoyo/Shorobe, Rre Oabile Chombo le ene o ne a supa fa Botswana a sa tshwanela go nna mo kgatelelong ya melawana ya mafatshefatshe jaaka CITES.
Le fa go ntse jalo, Rre Chombo a re mo gongwe lefatshe la Botswana ke lone le itsenyang mo kgatelelong ka melawana e e dirwang mo gae e e somarelang diphologolo go gaisa batho.
O supile fa melawana ya teseletso ya ditlhobolo e sa tswa go baakanngwa e fokotsa palo ya batho ba ba ka tshwarang ditlhobolo go tswa go makgolo a mabedi go masome a matlhano, le yone tsela ya go adima tlhobolo a re e madiadia. Ka jalo a re melawana ya go nna jalo e ya go nna sekgoreletsi le fa puso e ka simolodisa letsomo la diphologolo tsa naga le le laolesegang.
Rre Chombo o bile a re go a gakgamatsa go bo lephata la diphologolo le kgona go potlakela go thusa diphologolo tsa naga ka metsi mmea re puso e palelwa ke go potlakela seemo sa lenyora kwa Shorobe kwa a tlhalositseng fa sediba se sale se emetse bakanoki dingwaga di ka nna thataro.
Mokhannselara wa Bojanala, Rre Luke Motlaleselo ene o gakolotse fa go ka nna le tema ya go laola motsamao wa ditlou fa ba lephata la diphologolo ba ka nna ba di kganela ka difofane tsa tlhoo-tomo fa go lebega di ya ntlheng ya batho. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : Maun
Event : Pego ya modulasetilo
Date : 28 Aug 2019