Breaking News

Go huduga ka tlhopho go ka senya kagiso

28 Aug 2019

Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a re fa Batswana ba ka neela phathi ya gagwe sebaka se sengwe sa go busa mo ditlhophong tsa mono ngwaga, puso ya gagwe e tlaa tlhomamisa gore palamente e tlhoma ka bofefo molao-kakanyetso o o tlaa kganelang mapalamente go huduga ka ditilo.

Tautona Masisi o buile jaana mo phuthegong ya kgotla kwa Nata bosheng. 

A re seemo sa gompieno se mapalamente ba tlolang ka ditilo ba sena go tlhophiwa ga se a siamela puso ya batho ka batho.

Seemo se go ya ka Tautona Dr Masisi ga se a siama ka jaana ba ba hudugang ba dira jalo e bile ntle le morero ope le batlhophi ba e leng bone ba ba rometseng kwa palamenteng go emela dikeletso tsa bone.

Ka jalo Tautona Masisi o ne a kopa batlhophi go bua le bontlhopheng go itlama le gore ga ba na go huduga ka ditilo e bile ba tlaa rotloetsa go dirwa ga molao o o kganelang khuduga e, gore lefatshe la Botswana le tswelele le na le ledula e bile le kgatlha bagwebi go tla go bula dikgwebo mo go lone.

“Ba boleleng fa lona le rata kagiso le thitibalo.

Nna ka bo nna ke a itlama gore ga nkitla ke rotloetsa sepe se se ka kgotlelang kagiso, ditlhabololo le popagano tse lefatshe la rona di tumileng ka tsone.

Tautona Dr Masisi a re ke ka moo e rileng a tlhongwa go nna tautona kgwedi ya Moranang e rogwa ngwaga o o fetileng, a seegela kwa thoko molawana wa tiriso ya motshine o o tlhophisang le ntswa molawana wa tiriso ya motshine wa go nna jalo o ne o dumalanwe ke mapalamente a phathi e e busang ga mmogo le ba kganetso.

Mo go tse dingwe Tautona o ne a bolelela morafe wa Nata fa puso e a e eteletseng pele e ne ya seegela kwa thoko gape molao wa go sa letleleleng letsomo.

A re tshwetso e, e ne ya tsewa morago ga therisanyo e e tseneletseng le Batswana.

O ne a ikopa maitshwarelo mo Batswaneng a re go imisiwa ga letsomo mo go neng ga dirwa ntle le go rerisa setshaba e ne e le phoso ka tsamaiso le ngwao ya Setswana e le go dira dilo ka morero. 

A re tshwetso ya go seegela kwa thoko thulaganyo ya go kganela letsomo ke puso e a eteletseng pele ke karabo ya selelo sa Batswana ba a reng ba ne ba supa fa ba batla gore letsomo le nne teng, segolo jang mo mafelong a kgotlhang ya batho le diphologolo e ileng magoletsa.

O boletse fa ba lephata la diphologolo ba tlaa dira dithulaganyo tsotlhe go tlhalosetsa setshaba ka letsomo le le tlaa bong le laolwa gore batho ba seka ba iphitlhela ba tshwere molato.

A re Batswana ba tswa kgakala ba tlhokometse ditlhare, dimela le diphologolo tse di fitlhelwang mo go ene; selo se a reng se ne sa atisa diphologolo tsa naga mo dingwageng mme se sa baka kgotlhang ya batho le diphologolo.

Mo go tse dingwe Tautona Masisi o ne a rurifaletsa baagi ba Nata fa puso e tlaa tswelela ka go ba tokafaletsa matshelo ka go lere ditlamelo tse di maleba jaaka metsi le ditsela.

Moemela kgosi yo mogolwane wa Nata, Rre Letsogo Kgaswa o ne a leboga puso a re e supa tlhoafalo e e tseneletseng go tokafaletsa banni ba motse wa gagwe matshelo.

A re go fediwa ga dikago di tshwana le tse di sa tswang go fela tsa lekalana la makgetho le go dirwa ga tsela ya Francistow-Nata e le dingwe tsa dikai tsa kgatelopele mo go tlhabololeng matshelo a batho ba motse oo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mooketsi Mojalemotho

Location : Nata

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 28 Aug 2019