Semorafe ga se tlhokafale
27 Aug 2019
Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o kaile fa bogosi e le jwa morafe, ka jalo fa bo tlhakanngwa le dipolotiki bo ka tsala semorafe se se sa tlhokafaleng mo lefatsheng leno.
O buile jaana a dumalana le monni wa Nata, Rre Justice Davis yo o neng a gakolola setshaba go sa kopanyeng merero ya bogosi le sepolotoki.
Rre Davis o kaile fa go sa farologanyeng bogosi le sepolotiki go ka baka semorafe, go senya ledula le thitibalo e e renang mo Botswana.
Erile a mo kgwa dikgaba, Dr Masisi a dumalanana fa ruri go intshunya nko ga magosi mo sepolotiking go ka tlisa semorafe.
“Fa bogosi bo tlhakanngwa le polotiki go ka tsala semorafe, ka go re o tla a re kgosi e ke yame ke a e sireletsa, e kete kgosi e mo ntweng, wena o bo o tlhabana, mme se se ka kgaoganya lefatshe ka ba o tlhabanang nabo ba na le dikgosi le bone,” Tautona Masisi a tlhalosa.
O tlhalositse fa mo mafatsheng a mangwe a a senang kagiso go simologile fela ka mokgwa o, mme ga gola ka monokela batho ba akanya gore go sireletsa kgosi ya bone go gaisa ga ba bangwe.
“Re Batswana fela rotlhe, ka jalo re itse maemo a bogosi gore a batlwa jang e bile a kwa kgotleng.
Fa o tsaya maemo ao o bo o ya dipepereng o tlaa kopana le bone ba dipepere koo mme gongwe o ya go boela morago o sa nna jaaka o ne o ya kwa, le seriti se seo. Fa kgosi e sena seriti go bothata,” tautona a tlhalosa.
A re puso ya Botswana fa e bopiwa morago ga ditlhopho tsa 1965 molao-motheo wa lefatshe leno le melao e e neng ya dirwa morago ga moo e ne ya kgaoganya tsamaiso ya puso, ka jalo Botswana a na le matshego a mararo a tsamaiso puso.
A re letshego la palamente le le dirang melao le bopiwa ka baemedi ba ba itlhophetsweng ke dikgalo mme baemedi ba bantsi ba pathi e e rileng e le bone ba tlhamang puso mme ba tsamaise merero ya puso ka lenaneo la ditsholofetso tse ba neng ba ipapaletsa dithopho ka lone.
“Ditsholofetso tse ba neng ba le di neela ke tsone tse ba tlaa bong ba di diragatsa. Ba dirisa palamente go kopa madi e bile ba dirisa Palamente go dira melao kana go e baakanya.”
Dr Masisi a re letshego la boraro ke la baatlhodi le le diragatsang le go ranola melao e e dirwang ke palamente go setswe morago molao-motheo.
A re letshego la boraro la khudu-thamaga ya matona e e akaretsang Tautona, mothusi wa gagwe le matona a puso le diragatsa le go kopa madi kwa palamenteng, go tsamaisa mananeo le merero ya puso.
Tautona a re dithata pele ga boipuso ka bontsi e ne e le tsa magosi, ba sekisa ba bo ba atlhola, ba aba lefatshe e bile ba thapa batho ba ba berekang le bone.
O tlhalositse fa puso e ne e le ya segosi, ka jalo go ne go sena diphathi tsa sepolotiki tse di ipapatsang.
A re mo molao-motheong o o mo tirisong go simolola ka 1966, bogosi ga bo sa tlhole bo laola jaaka pele. “Bogosi ga bo yo mo sepolotiking gothelele.
Fa motho a tsaya maemo a bogosi o tshwanetse go bereka merero ya selegae, ya batho, ya ngwao le molao wa setso.
Lefatshe le la Botswana ke la puso ya batho ka batho e mo go yone batho e leng bone ba nang le thata ya go tlhopha puso, e seng e e tsalelwang ya sennela ruri.” tautona a tlhalosa.
Dr Masisi a re tsa kwa kgotleng tsa bogosi ke tsa bogosi le gore yo o sa tsalwang e se kgosi o ka seke a tsamaya a nna kgosi fa e se wa mo toropong kgotsa wa mo metsing e mesha kwa go tlhophiwang magosi a teng.
A re mo tsamaisong ya molao- motheo wa Botswana go na le Republic of Botswana e seng Kingdom ka of Botswana, a supa dikgaolo tsotlhe e le karolo ya Republic of Botswana.
“Ga go na Kingdom of North East. Ga gona kwa e leng gore bogosi bo laola tsamaiso ya puso mo kgaolong kana motse ope. Seemo se le se tlhaloganye ka gore re tloga re itebala re re re mo lefatsheng le e seng lone.” Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Sefhako Sefhako
Location : Nata
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 27 Aug 2019