Ntwa kgolo ke ya molomo kwa Mochudi Botlhaba
25 Aug 2019
Ba ba ikaelelang go emela ditlhopho tsa bopalamente kwa Mochudi Botlhaba ba kopile Batswana go ba fa sebaka sa go tlhabolola metse ya bone ka tlhopho.
Borre Diane Moagi wa Alliance for Progressives (AP), Mabuse Pule wa Botswana Democratic Party (BDP) le Bright Molebatsi wa Umbrella for Democratic Change (UDC), ba kopile jalo mo thulaganyong ya ngangisano ya go ipapaletsa ditlhopho tse di tlang.
Rre Molebatsi, yo e leng mopalamente wa kgaolo, o supile fa go le botlhoka gore Kgatleng e agelwe kokelo e tona.
A re Kgatleng o tlhoka kokelo e tona ka gore ya Debora Retief Memorial (DRM) ga e sa lekana, e fetilwe ke palo ya batho.
Fa a bua ka tse a di kgonne fa a sale a nna mopalamente, Rre Molebatsi a re o ne a emela kgang ya letlhoko la metsi mo metseng e e bapileng thata le noka go bona gore seemo se a tokafala.
“Re ne ra tswelela gape ke na le makhanselara a diparty tsotlhe, go bona gore dikgaolo tsa rona di fiwa motlakase,” ga rialo Rre Molebatsi.
A re ntswa motlakase o ise o aname le dikgaolo tsotlhe, tema yone ba e segile ka o phatlaletse go feta a ise a nne mopalamente.
O ne a supa gore lenaneo la go fa bana ba dikole tse dipotlana sefitlholo ke mogopolo wa gagwe, mme go a lebosega go bona puso e reeditse.
Rre Molebatsi a re le maano a masha a a dirwang ke puso ya BDP, a tshwana le go tlhofofatsa tiriso ya lefatshe ke mangwe a dikakanyo tsa bone e le ba kganetso.
O ne gape a bua gore e le ba UDC, maitlamo a bone a ipapatso a tshwere gotlhe ka a supa ka fa ba tsileng go tlhabolola Batswana ka teng.
Rre Pule wa phathi e e busang ene a re maitlamo a bone a ipapatso a dirilwe go sena go rerisanngwa le Batswana, ka jalo a tshwere maikutlo le ditharabololo tse Batswana ba di tlhokang.
“E bile gape maitlamo le maikaelelo a Vision 2036 le NDP 11 di mo maitlamong ao,” ga rialo Rre Pule.
O ne a supa gore Batswana ba tshwanetse go lebelela se Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a se dirileng fa a sale a nna mo setilong.
“Diphetogo le ditlhabololo tse a tsileng ka tsone ke sekao sa gore BDP e santse e ka direla Batswana go le gontsi,” ga bua Rre Pule.
Rre Pule a re o itlama go dira le Tautona Masisi go lwantsha tshenyetso sechaba ka go supegile gore itsholelo ya lefatshe e ka phutlhama fa go sa dirwe sepe.
A re ene o batla go tsaya fa Rre Molebatsi a paletsweng teng.
O ne a supa gore ene ga se motho yo o senang boammaaruri, e bile ga a batle go bua ditsiabadimo, a raya Bakgatla a re o tsile go dira meleko kwa palamenteng.
Rre Pule o supile fa a tsile go itebaganya le ditsela, dikago le go fefosa kabo ya lefatshe.
A re, “E bile Tautona Masisi o setse a dirile gore ditsetlana tsa tiriso ya lefatshe di tokafadiwe gore di seka tsa kgoreletsa batho.”
O ne gape a itlama go dira le banana gore ba dirise mananeo a puso, go ba ruta gore kgwebo e dirwa jang le go ba rotloetsa gore ba seka ba tlogela mo tseleng.
Fa a tswa la gagwe, ntlhopheng wa Alliance for Progressives (AP), Rre Diane Moagi o supile fa ba ikaegile ka matshego a le mararo, mme ba eletsa go fiwa puso.
A re letshego la ntlha, ke go direla sengwe le sengwe mo pontsheng, e bile ba tlaa dira gore makalana a twantsho borukutlhi le a mangwe a a sekasekang tsamaiso a ikemele ka nosi.
A re letshego la bobedi ke botsogo, ka e bile balwetse fela botlhe ba Kgatleng ba fetisediwa kwa Gaborone, ka DRM e sa tlhole e dira sentle.
“Letshego la boraro ke thuto le pabalesego ya bana ba rona,” a rialo Rre Moagi.
A re go a swabisa go bona bana ba bannye ba ya dikoleng maphakela mo lefifing, go sena dipone le fa e le ponalo ya mapodisi.
A re e le ba AP, ba itlama go tsenya dipone mo mebileng le go dira diofisinyana tsa mapodisi fale le fale gore mapodisi a kgone go bonala.
Rre Moagi a re sengwe le sengwe se ikaegile ka lefatshe, mme Batswana ka bontsi ba sena lefatshe, ka jalo matshelo a bone eme.
O supile fa ba eletsa go tlhaba Mochudi East Development Trust ka maikaelelo a go rutuntsha banana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Omphile Ntakhwana
Location : GABORONE
Event : Nganyisanyo ya mapolotiki
Date : 25 Aug 2019