Breaking News

Go lwantsha kgokgontsho go a pala

25 Aug 2019

Tona wa Merero ya Setshaba, Mesepele le tsa Bong Rre Ngaka Ngaka a re maiteko a lefatshe leno a go lwantsha kgokgontsho a wela mo motlhobodikeng.

E rile a bua mo thuto-puisanyong ya go lwantsha kgokgontsho ya bong ka Labone kwa Kasane, Rre Ngaka  a re seo se supiwa ke gore le fa maiteko a dirwa go ruta batho ka kgokgontsho, dipalo tsa yone tsone di ntse di golela pele.

A re seo ke kgwetlho gore baeteledipele ba morafe ka go farologana ba rutwe ka kgokgontsho ya bong gore ba tle ba rolele thuto eo kwa setshabeng se ba se eteletseng pele.

Rre Ngaka, yo e bileng e le mopalamente wa Letlhakeng/Takatokwane, a re o na le tsholofelo ya gore fa mongwe le mongwe a ka nna le seabe mo thutong ya kgokgontsho ya bong, go ka nna le phetogo.

A re Botswana o itsege ka puso ya batho ka batho, e bile e le lefatshe la barata kagiso, mme fa dipalo tsa kgokgontsho jaaka dipetelelo, dititeo le tiriso botlhaswa ya bana di ntse di oketsega, go senya leina le lentle la lefatshe leno.

Tona Ngaka a re kgokgontsho e na le matshosetsi mo itsholelong ka jaana bagwebi, babeeletsi le bajanala ba ka tshaba go tla mo lefatsheng le le nang le dipalo tse di feteletseng tsa yone.

O bile a re lephata la gagwe le tlhophile go tshegetsa thuto-puisanyo ya kgokgontsho le bogogi jwa Chobe ka jaana le tshwentswe ke dipalo tse di oketsagang tsa go gweba ka mmele.

A re kgwebo eo, e e bileng e se ka fa molaong, e gakatsa seemo sa HIV/AIDS le boimana jo bo sa ipaakanyediwang, mme puso e ka seke e itlhokomolose selo seo.

O bile a re go tswa bogologolo go buiwa thata ka bomme ba ba mo kgwebong eo, mme jaanong ke nako ya gore go buiwe ka bareki ba e leng bone barotloetsi ba yone.

 Rre Ngaka a re fa borre ba ka tlogela go reka, kgwebo eo e ka nyelela.

Fa a bua ka dipalo tsa kgokgontsho mo Chobe, a re di supa fa mosadi a le mongwe mo go ba bararo ba kgokgontshiwa, mme banna bone e le lesome mo lekgolong fela.

A re go lemotshega gore bana ba basimane ga ba neelwe dithuto tsa botshelo mo go lekaneng jaaka ba basetsana.

Tona o ne a akgola bomme ka gore fa ngwana wa mosetsana a tsena mo dingwageng tse di rileng, ba mo neela maele a botshelo.

A re maswabi ke gore wa mosimane ene o kopana le maele ao fela fa a ka nna lesego a nyala kana a setse a tlhokile lesego a dirile molato.

O kopile bagogi  ba morafe go tlhama dikomiti tsa basimane tse di ka dirisiwang go buisana le bone ka botshelo ka kakaretso, ebile a re ba ka etela ditlhopha tsa kgwele ya dinao go bua le tsone ka jaana bogwera bo sa tlhole bo le teng.

Tona a re seo se ka thusa gore bana ba basimane ba nne le setho se se amogelesegang.

A re le fa a lemoga fa bomme ba bua le basetsana, ba tshwanetse gape go ba lemotsha gore go a kgonagala gore ba ka tshela ntle le go ikaega ka itsholelo ya ba basimane.

Tona Ngaka a re Batswana ba tshwanetse go latlha mokgwa wa gore ‘ga di nkame’, mme ba tshwaraganele kgodiso ya bana ka jaana fa ba itlhokomolosa seo, e tle e re botshelo bo ntse bo tsweletse fa gongwe ngwana yo o tlhokileng kgodiso e e lolameng a gobatse mongwe wa lesika kana ngwana mo lwapeng.

Mo go tse dingwe a re go nna mmogo ga baratani ba sa nyalana go tshwanetse ga kgalwa ka jaana le mo Baebeleng go se na gope fa go rotloediwang teng, e bile Baebele e bua fela ka basadi le banna ba ba nyalaneng, e seng ‘bo rraagwe ngwanake’.

E ne e rile go le pele, Constable Kesegofetse Keitumetse, yo e leng ene a lebaganeng le dikgang tsa kgokgontsho mo sepodising sa Chobe, a supa gore ka dingwaga tsa 2017, 2018 le monongwaga ba kwadisitse melato ya petelelo e supa ngwaga mongwe le mongwe fa tsa dipolao tsone di nnile thataro ka 2017, bongwe ka 2018 le bongwe ngwaga ono go fitlha kgwedi ya Phatwe.

Constable Keitumetse a re tsa dititeo tsone di nnile makgolo mararo le bobedi ngwagatlola, masome a marataro le botlhano ngogola le tse di masome a a ferang bobedi le bobedi ngwaga ono fa tsa go gobatsa di nnile masome mabedi le bofera bobedi 28 ngwagatlola, nne ngogola le bongwe monongwaga.

A re dikgwetlho tse mapodisi a nnang le tsone ke gore bangongoregi ba tsholola dikgang, bosupi bo a senngwa le gore fa go amegileng bana teng, batsadi bangwe ga ba dirisanye le mapodisi sentle e bile fa bana ba foseditswe ba a tshosediwa mme ba ngosele go ntsha bosupi jotlhe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keamogetse Letsholo

Location : KASANE

Event : Thuto-puisanyo

Date : 25 Aug 2019