Dikgosi di galaletsa Basotho ba motse wa Tlhareseleele
22 Aug 2019
Motshwarelela kgosi wa Bakgatla ba ga Kgafela Kgosi Bana Sekai o lebogetse Basotho ba Tlhareseleele kwa Morolong go bo ba santse ba tshwere ngwao ya bone.
Kgosi Sekai o buile mafoko a mo moletlong wa pulo semmuso ya ntlo ya ngwao kwa kgotleng ya motse oo bosheng.
O supile fa a itumeletse gore Basotho ba Tlhareseleele ba bone go le molemo gore ba nne ba tsosolose ngwao ya bone ka gore ngwao e fa morafe seriti.
Kgosi Sekai a re go tsosolosa ngwao go ya dikokomaneng tse di tlaa tlang go maleba mo dinakong tse merafe e tlhakatlhakaneng ka dingwao tsa yone.
A re go ipelela ngwao go ntsha maduo a mantle, a afa sekai ka dikhwaere tsa Kgatleng go bo di ikgapetse setlankana go tswa kwa lekgotleng la ditshaba la UNESCO.
Kgosi Sekai o ne a tlhalosa fa matshego a ngwao e le kapari, moopelo, maboko, dijo, meila le mephato.
O tlhalositse fa kapari ya ngwao ya bomme le borre e tshwanetse ya tsewa ka tlhoafalo ka e naya motho seriti le boleng, a tlatsa ka go re dijo tsa Setswana di na le dikotla e bile ga se gantsi di ka baka malwetse jaaka dijo tsa segompieno.
Fa a bua ka meila, a re meila e itsa batho go wela mo dipharagobeng ka jaana e thusa go laola maitsholo a batho.
A re mephato yone, e botlhokwa ka gore e fetisa melaetsa le dithuto tsa ngwao, ka jalo a rotloetsa Dikgosi tsa metse go tsosolosa mephato.
E rile a ntsha la gagwe, Motshwarelela Kgosi wa Barolong, Kgosi Botiki Motshegare a rotloetsa Basotho ba motse oo go tswelela ba tlotla ngwao gore e seka ya nyelela.
Le ene fela jalo o ne a galaletsa Basotho ba motse oo go bo ba santse ba itsege ka go tshegetsa ngwao ya bone e e nonneng mme a ba kopa gore ba tshware ka natla.
O ba kopile gore ba itlhokomolose dingwao tsa mafatshe a mangwe mme ba tswelele ba godisa ngwao ya bone, a tlatsa ka go re ngwao ke matlhagola-tsela ka e kaeka motho gore o tswa kae e bile o ya kae.
Kgosi Motshegare a re setshaba se agwa ke lelwapa, ka jalo bagolo ba tshwanetse go ruta le go rotloetsa ngwao mo malwapeng gore bana ba golele mo go yone.
Fa a tswa la gagwe, Kgosi Moswabodi Letshikhoana wa Tlhareseleele o ne a tlhalosa fa moono wa go bula ntlo eo semmuso e le go godisa ngwao ya Sesotho e e leng karolo e e botlhokwa mo matshelong a bone.
O ne a tlhalosa gore e re le ntswa go ne go se motlhofo go rulaganyetsa letsatsi leo, ba ne ba kgona ka ba ne ba tshwaraganetse tiro eo.
O tlhalositse fa maikaelelo a ntlo eo e le go godisetsa bana mo ngwaong le go e tiisa mo Tlhareseelele.
Kgosi Letshikhoana a re mo motseng wa gagwe ba ikaelela go epolola ngwao kwa e katetsweng teng, ka jalo ba tsile go dira mekete e e rotloetsang ngwao e le mmalwa.
Setlhogo sa moletlo o e ne e le Tsosoloso ya Ngwao go ya Dikokomaneng.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Bakang Segokgo
Location : Tlhareseleele
Event : Moletlo wa pulo
Date : 22 Aug 2019