Dkar lefatshe la beng - Sixpence
22 Aug 2019
Modulasetilo wa khansele ya Ghanzi, Rre Galetlhaole Sixpence e rile ka Labobedi a tlhalosetsa morafe wa D’kar fa puso e ka seka ya aga sepe mo lefatsheng le e seng la yone e sa neelwa mokwalo o o e fang dithata tsa tiriso lefatshe ka fa molaong ‘title deed’.
Fa a bua mo phuthegong e a neng a e biditse, o ne a re pele ga ba dira ditlhabololo dipe kwa D’kar, ba tshwanetse ba bo ba na le mokwalo o o ba fang dithata tsa tiriso lefatshe fela jaaka fa ba ne ba aga sekole, kokelwana le kgotla, a tlhalosa gore ba sale ba kopile mokwalo wa dithata tsa lefatshe, nako kgolo ke eno.
A re ba ne ba neilwe lekwalo fela le le thomamisang gore kereke e ba letlelele go aga mo lefatsheng la bone e seng mokwalo o o ba fang dithata tsa tiriso lefatshe.
A re ke sone se kago ya koporase e santseng e pala.
Rre Sixpence o ne a ba solofetsa gore koporase e tlaa agwa ka madi a tlhabololo dikgaolo, mme e bile a teng, ba emetse fela tharabololo ya dikgang tsa lefatshe, a tlatsa ka go re komponi e e tlaa dirang kago eo e setse e neetswe tiro.
Modulasetilo wa khansele o ne a tlhalosetsa morafe gore matlo a a agelwang ba ba tlhokileng lesego a a neng a neetswe motse wa bone a feletse a fetisediwa kwa metseng e mengwe ka puso e sena dithata tsa tiriso ya lefatshe koo.
Le fa go ntse jalo, Rre Sixpence o tlhalositse fa a tlaa rwala ditlhako go kopana le lekgotla la kereke go buisana ka dikgang tsa lefatshe, a tlatsa ka go re ba tswa kgakala ba buisana le kereke mme go se nko e tswang lemina, jaaonong nako e tsile ya gore kereke e itse maikutlo a morafe go tswa mo morafeng ka sebele.
O ne a ba gakolola gore ga ba a tswanela go ithontsha tshwanelo e ba e filweng ke molao-motheo ya go tlhopha, a re morafe wa D’kar o tshwnetse go isa mmueledi wa one kwa khanseleng, mme seo se ka diragala fela ka tlhopho.
Rre Sixpence o ne supa gore tlhaelo ya metsi kwa motseng oo e tlaa rarabololwa ka Rre Johane Thiite le ba a dirang le bone ba le mo lenaneong la go gokela didiba tsa D’kar.
Rre Sixpence o ne a akgela mo mafokong a modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Freddy Morris a go re morafe o na le kakanyo ya go tlhoka go tlhopha ka ditlhabololo di ise di goroge kwa go bone.
Rre Morris o tlhalositse gore gangwe le gape ba rontshiwa ditlhabololo ka seipato sa gore lefatshe la D’kar ke la kereke ya Dutch.
A re puso, khansele le lekgotla le le tsamaising kereke eo, ba tswa kgakala ba palelwa ke go tla ka tharabololo ya dikgang tsa lefatshe kwa D’kar, a re se, se ba beile ka fa mosing mo jaanong ba nang le kakanyo ya go tlhoka go tlhopha, a gatelela gore mafoko a go ngala ditlhopho ke a morafe.
Rre Morris o supile gore madi a ditlhabololo tsa dikgaolo tsa botlhophi le one ga ba a a kole ka ntata ya dikgang tsa gore lefatshe ke la kereke.
Mo godimo ga moo, o ne a tlhalosa fa tlhaelo ya metsi e le selelo le khuranyo ya meno mo motseng oo.
Le fa go ntse jalo, mongwe wa baagi ba D’kar, Rre Lofa Soso o ne a supa fa ba sa itse sepe ka mafoko a go emisa go tlhopha, a supa fa mafoko ao a swabisa.
Monni yo mongwe, Rre Isaac Saulo ene o ne supa fa kgang ya go tlhopha e tlhagogile mo bokopanong jo ba neng ba bo tshwere le modiri mo ofising ya boipelego.
“Mme mongwe ka ntlha ya kutlobotlhoko o ne tswa ka kgang e, a supa gore ga go na mosola wa go tlhopho ka re rontshiwa ditlhabololo,” a tlhalosa
Molaodi wa kgaolo-potlana ya Ghanzi Botlhaba, Rre Patrick Tlotleng le ene o ne a gakolola morafe ka tshwanelo ya go tlhopha, a re ba tswanetse go rarabolola kgang ya lefatshe ka maikutlo a a iketlileng, a re molemo wa kgang ke go buiwa.
Mo mafokong a malebo, mokhanselara wa dipolase tsa bokoni botlhaba kwa D’kar a welang teng, Mme Nana Mothibi o ne a re dikgang tsa ditlhabololo tsa D’kar di tswa kgakala, a tlatsa gore ntswa D’kar a tsewa jaaka polase, dipalo tsa batho koo di kwa godimo, e bile ba tshwanetswe ke ditlhabololo jaaka Motswana mongwe le mongwe.
Fa a tsibogela matshwenyego a ga Mme Xixlae Xlao le Qose Thamku a gore ba sale ba segetse bana ba sekole paka ya sekole ka Hirikgong mme khansele ga e ise a ba duele, ka gore ga twe ba ne ba sa tlatsa pampiri ya dituelo sentle.
Mokwaledi wa kgansele ya Ghanzi, Rre Dick Kalantle o kopile bodiri jwa khansele go duela ka nako go ya ka fa lephata le itlamileng ka teng.
Rre Kalantle o ne a laele gore bobedi joo bo duelwe, a re fa pampiri e sa tladiwa sentle, ba tshwanetse go thusiwa gore ba e tlatse sentle e seng go nna ba sa bduelwe.
Kwa bofelong Rre Sixpence o ne a gakolola morafe gore puso e na le lenaneo la go hirisa dikago tsa morafe go fa bodiredi matlo le go dira diofisi, ka jalo a kopa morafe go baakanya dikago tsa bone tse ba sa di diriseng gore ba nne le sebaka sa go akola lenaneo leo..BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : D’kar
Event : Phuthego
Date : 22 Aug 2019