Mothusa kgosi o tshwentswe ke tiriso ya motokwane
11 Aug 2019
Mothusa Kgosi wa Matsiloje, Kgosi Solomon Sekgopha o supile fa ba tshwentswe ke tiriso ya motokwane e e ileng magoletsa mo motseng oo.
Mo potsolotsong le BOPA, Rre Sekgopha o tlhalositse fa barekisi ba motokwane ba dirisana le baagi ba Zimbabwe ba ba tlolang molelwane ka bokukuntshwane.
O tlhalosa fa baagi ba Zimbabwe ba tlola molelwane ba sena teseletso ba bo ba neela ba motse motokwane.
Rre Sekgopha o tlhalosa fa barekisi gape ba na le tirisano le baagi bangwe ba Francistown, ka ba reka teng, ba bo ba tla go rekisa mo motseng.
Mothusa kgosi o tlhalosa fa ba Zimbabwe ba na le go tlola noka e e kgaoganyang mafatshe oo mabedi, mme ba tle go aga masaka le didiba mo letlhakoreng la Botswana.
O tlhalositse fa terata e sule, mme se se neela dikgomo tsa Zimbabwe phatlha ya go fetela ka kwano, mme di felele di tisitse malwetse a tshwana le a tlhako le molomo.
Rre Sekgopha o buile fa ba tlaa itshwaraganya le mapodisi le ba twantsho borukhutlhi mo motseng go tlhasela barekisi ba motokwane.
O supile fa matshwenyego a mangwe e le a barekisi ba majalwa a Setswana mo malwapeng, ba ba sa obameleng melao le dinako tsa go rekisa bojalwa..
Rre Sekgopha o tlhalositse fa barekisi ba sa tlhokomele mafelo a bone le didirisiwa tse ba apayang bojalwa ka tsone, mme se se felele se bakile malwetse le dintsho.
O tlhalosa fa ba setse ba tseetse bangwe diteseletso tsa go rekisa, ka one mabaka a. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Patience Molatlhegi
Location : MATSILOJE
Event : POTSOLOTSO
Date : 11 Aug 2019