Breaking News

Nyalo e santse e na le boleng - Kenaope

11 Aug 2019

Mookamedi wa Kereke ya Sabata mo Botswana, Dr Kenaope Kenaope a re thulaganyo ya lenyalo ke motheo wa leruri, ka jalo e tlaa tswelela e na le boleng mo botshelong jwa motho.

Dr Kenaope a re go tswa goo-lowe le mo Baebeleng lenyalo ke motheo wa botshelo, ka jalo go botlhokwa go ruta setshaba ka mosola wa lone.

O buile jaana bosheng kwa kgotleng ya Mahalapye jaaka kereke ya Sabata e ne e rulagantse dithuto tse di itebagantseng le go tsibosa setshaba ka mosola wa nyalo le go aga malwapa a a nonofileng.

Dr Kenaope a re o santse a na le tsholofelo ya gore lefatshe le ka boela mo tsamaisong ya boamaruri le eteletswe pele ke malwapa.

A re go thona go bona monna a nyala mosadi e re kamoso a bo a mo phuaganya.

O tlhaloseditse banni ba Mahalapye gore lenyalo ke mosepele o o tshwaraganetsweng le Modimo go bopa banna le basadi ba ba nang le boikarabelo.

A re nyalo ya boammaaruri e e tlhodilweng ke Modimo ke ya batho ba bong jo bo farologaneng.

Dr Kenaope o kopile gore banyalani ba kgotsofalele se ba nang le sone.

A re go ka nna sentle mo lenyalong fa bobedi jo bo nyalaneng bo nna le thulaganyo ya boammaaruri e e tlotlang motheo wa lenyalo.

O rotloeditse banyalani go ipha nako ya go itsane mekgwa pele ba tsena mo lenyalong.

“Go botlhokwa go itse gore mokapelo wa gago ke motho wa mofuta ofe le gore o mo tshwara jang mo diemong tse di farologaneng,” Dr Kenaope a tlhalosa.

Dithuto tse, ke nngwe ya ditsela tse bogogi jwa Sabata bo tlaa di dirisang go nna botsalano jwa sennela ruri le setshaba, le go fa setshaba motheo wa lenyalo jaaka Baebele e laotse.

Mothusa moeteledipele wa lekalana la boreri jwa dikwalo kwa Sabata, Mme Malebogo Sekobela o supile fa kereke e lemogile gore lelwapa le mo mathateng, seemo se se dirang gore kgodiso ya ngwana e nne kgwetlho.

Mme Sekobela a re kereke e filwe boikarabelo jwa go tshwaragana le setshaba le go senola tsela ya boammaaruri e e ka thusang go rarabolola mathata.

O kopile morafe wa Mahalapye go nna le botsalano le Sabata go tshwaraganela mokgweleo wa go lwantsha dikgang tse di tshwenyang mo matshelong a batho.

“Re le kereke ya Sabata re a le ineela gore re le thuse, a re nneng le botsalano,” Mme Sekobela a supa.

Bogogi jwa Sabata bo abelane le banni ba Mahalapye dithuto tae di itebagantseng le go tlhoka kutlwisisanyo mo malwapeng, botlhokwa jwa morero mo lwapeng, bonyatsi, ditsala le dikgang tse di amanang le botsadi jwa banyalani.

Mo mafokong a kamogelo, Kgosi Duncan Segotsi o lebogtse boleng jwa Sabata, a supa fa a na le tsholofelo gore morago ga dithuto, botlhoka tsebe bo tlaa fokotsega.

Kgosi Segotsi a re bogosi bo tshwentswe ke borukutlhi.

A re boammaaruri jwa lefoko la Modimo bo ka tsisa tsholofelo le kagiso kwa Mahalapye. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gaotlhobogwe Orefile

Location : MAHALAPYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 11 Aug 2019