Mashi a lebele makgonatsotlhe
08 Aug 2019
Bomme ba gakolotswe go neela bana ba bannye botsogo jo bo popota ka go ba amusa ka lebele.
Fa ba bua kwa moletlong wa thotloetso kamuso ka lebele kwa Mahalapye ka Laboraro, bagolwane ba lephata la botsogo ba tlhalositse gore mashi a lebele a thusa go nonotsha masole a mmele mo baneng.
Mookamedi wa ditirelo tsa botsogo kwa kgaolong potlana ya Mahalapye, Dr Maxwell Mungisi, a re bomme ba tshwanetse go tlotla go amusa bana ka lebele.
A re go a tshwenya go bona bomme ba ba mo dingwageng tsa tsholo ba tsweletse ka go itlhokomolosa kamuso ka lebele, selo se se tsenyang matshelo a bana mo diphatseng tsa go tshabelelwa ke malwetse le go tlhoka go gola sentle.
A re bangwe ba bone ba amusa bana mo lebakeng le le khutshwane, a supa fa go dira jalo go sa lekana.
Dr Mungisi a re bomme ba tshwanetse go lemoga gore go nna le mabele ga se mokgabo kana go itshupa bontle ka one.
O tsweletse a supa gore puso e rotloetsa bomme go amusa masea a bone ka e bile bomme ba ba belegang ba le mo ditirong ba fiwa sebaka sa gore ba amuse bana.
O ne a tlhalosa fa dikhamphane dingwe, makalana a ikemetseng le setshaba ka kakaretso ba rotloetsa kamuso ka lebele.
A re kamuso ka lebele e tshwanetse go lejwa e le ngwao e e rotloetsang kgodiso ya bana.
Dr Mungisi a re go amusa bana go dira gore ba gole ba itekanetse ka jalo puso e dirisa madi a kwa tlase mo go lwantsheng malwetse a bana a bakwang ke go tlhoka kotla ya mashi a lebele.
Fa a tswa la gagwe, Kgosi Duncan Segotsi wa Mahalapye le ene o ne a supa fa a tshwentswe ke go bona bommabana ba sesha ba itlhokomolosa kamuso ka lebele.
Kgosi Segotsi a re diphetogo di dirile gore bommabana ba itlhokomolose go godisa bana ka mashi a lebele.
A re mo malatsing ano, bana ka bontsi ba gola ba sa atumalana le bo mmaabone, a tlatsa ka gore ba ba berekang ba phuaganya bana le bo nkukuabone fa ba sena go belegwa.
Le fa go ntse jalo, Kgosi Segotsi o ne a leboga ba botsogo go bona botlhokwa jwa go rotloetsa kamuso ka lebele, a re setshaba le sone se tshwanetse go rotloetsa kamuso ka lebele, ka gore bomme bangwe ba tlhabiwa ke ditlhong go amusa mo mafelong a setshaba.
O ne a kopa setshaba go rotloetsa basha go amusa ka lebele, a tlhalosa fa a dumela gore molaetsa wa letsatsi leo, o lebaganye le bommabana gore ba emise go phuaganya bana le basadi bagolo.
O ne gape a gakolola batsadi go kgalemela bana ba bone gore ba seka ba diiwa ke menate, mme ba tlhokomele bana ba bone ka go ba tlamela sentle.
Modulasetilo wa khansele potlana ya Mahalapye, Rre Tassmana Cebani a re puso e lemoga botlhokwa jwa go godisa bana ba itekanetse gore ba seka ba tshabelelwa ke malwetse.
Le fa go le botlhokwa gore ba amusiwe ka lebele, Mr Cebani a re go botlhokwa gore jaaka bana ba tsweletse ba thuthuga ba fiwe dijo tse dingwe tse di tlhokegang, a tlhalosa fa puso e na le lenaneo la go phakisa bana dijo tse di lekanyeng mebele ya bone kgwedi le kgwedi.
Rre Cebani a re ba ba amusiwang ka lebele ba gola ba itekanetse ka jalo ba fokoletsa puso madi aa dirisiwang go rekela bana dijo tse ba di fiwang kgwedi le kgwedi. BOKHUTLO
Source : Moshe Galeragwe
Author : MAHALAPYE
Location : MAHALAPYE
Event : Moletlo wa thotloetso kamuso ka lebele
Date : 08 Aug 2019




