Breaking News

Ngwana wa mosetsana o tlhoka tlhokomelo e popota

08 Aug 2019

Mohumagadi wa ga Tautona, Mme Neo Masisi, o rotloeditse batsadi go netefatsa gore bana ba gola sentle.

Mme Masisi, yo o neng a etetse kwa Bobonong ka Laboraro, a re bana ba basetsana ba tshabelelwa ke dikgang tsa go dirisiwa botlhaswa ke borre ba bagolwane mo go bone.

A re fa batsadi ba ka seke ba emele dikgang tse ka dinao, dipalo tsa boimana jwa bana le tsa mogare di tlaa tswelela di le kwa godimo, le ntswa bana e le bone babusi ba kamoso.

O supile fa lenaneo la Dipalametse le itebagantse le twantsho mogare le tlhokomelo ya bana ba ba dingwaga tse di lesome le botlhano go ya kwa go tse di masome mabedi le bone.

Mme Masisi o kopile batsadi go emisa go tlogela bana ba le nosi ka se se ba tsenya mo diphatseng tsa go dirisiwa ditiro tse di sa tlhamalalang.

Mogokgo wa sekole se segolwane sa Matshekge, Rre Tebogo Butale o supile fa go ima ga bana ba sekole go tshwenya.

Rre Butale a re ba ne ba tswa ka lenaneo la Tshwara Pelo, go rotloetsa bana go nna le boitshwaro go fitlhelela ba fetsa dithuto tsa bone.

Lenaneo le, le ne la thusa go fokotsa dipalo tsa bana ba ba tswang mo sekoleng ka boimana.

Mogokaganya ditirelo tse di amanang le mogare wa HIV, Rre Richard Matlhare, o tlhaloseditse Babirwa fa dipatlisiso tsa ba botsogo kwa kgaolong ya Bobirwa di supa fa go ima ga banana, go tsenwa ke mogare wa kgotlholo e tona, malwetse a dikobo, tiriso botlhaswa ya nnotagi le kwelotlase ya go itlhatlhobela mogare wa HIV e le tsone di tshwenyang.

Rre Matlhare o ne a rotloetsa batsadi go nna ditsala tsa bana ba bone gore go nne motlhofo go ka ba gakolola fa ba tswa mo tseleng.

O tlhaloseditse morafe fa ntwa e bolotse go fedisa kanamo ya mogare mme a supa fa se se ka fetoga fela fa batho ba ka fetola boitshwaro.

Mohumagadi wa kgosi ya Bobonong, Mme Gorata Joel, o solofeditse Mme Masisi fa a tlaa sala a tsweledisa fa a emeng teng ka thuso ya morafe go tlhomamisa gore bana ba tswelela le dithuto tsa bone ba sa kgorelediwe ke sepe.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : BOBONONG

Event : Phuthego

Date : 08 Aug 2019