Masisi o tlaa bula ditshupo tsa Serowe
07 Aug 2019
Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o tlaa bula semmuso ditshupo tsa temo-thuo kwa Serowe ka moso.
Modulasetilo wa komiti ya ditshupo tse di simolotseng ka Labobedi, Rre Keletso Rakhudu, o tlhalositse fa Tautona a tlaa ja dijo tsa maitsiboa le komiti gompieno kwa holong ya Lady Khama.
A re Tautona o tlaa bo a patilwe ke Mothusa Tona wa Temo Thuo le Tlhabololo Dijo, Rre Kgotla Autlwetse le mapalamente a mangwe a Serowe.
Rre Rakhudu a re le mororo dipula di nnile boutsana, balemi barui ba kgaolo ya Legare ga ba ipona tsapa go tla go supa mo ba go boneng kwa masimo go tlhoboga boremo ja mogoma le leruo la bone.
O boletse fa ba solofetse magapu, maphutshe, marotse le dinawa tse di neng tsa seka tsa tshabelelwa thata ke mogote.
Modulasetilo a re ba solofetse fa ditshupo tsa monongwaga di tlaa atlega ka ba solofetse bagwebi le balemi barui lefatshe ka bophara go tla go supa.
Rre Rakhudu o kaile fa ba baakantse sentle e bile ba solofetse go le gontsi thata mo balemi baruing.
O boletse fa komiti e na le bothata jwa go itirela madi ka e beile thata mo mading a batho ba tsenang ka one, mme a sa lekane go tsamaisa ditshupo ka botlao.
O boletse fa mo teng ga lebala la ditshupo motagana wa kgwebo e le P4 500 fa kwa ntle e le P1 000.
A re go tsamaisa ditshupo fela go ba lopa madi P300 000 mme dikgele di ba lopa P50 000.
Modulasetilo o ne a tlhalosa fa lekalana la CEDA le ba eme nokeng ka go ba rotloetsa, a bolela fa ba ba solofeditse madi P100 000 monongwaga fa ngogola ba ne ba ba thusitse ka P80 000. O boletse fa go na le dikgoreletsi jaaka tsa batho ba ba senyang kwa lebaleng la ditshupo, o boletse fa ba kgaola tereta ba utswa tse di agang masaka le go tsaya megala ya metlakase g.
A re ngwaga le ngwaga ba baakanya kwa lebaleng selo se se ba lopang madi a mantsi a re seo se ba busetsa kwa morago.
Le fa gontse jalo go tla bo go na le ba ba natifisang letsatsi ka mmino.
Rre Rakhudu o boletse fa go tla bo go jewa tlhako, a bolela go tlaa bo go jewa dijo tsa Setswana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : SEROWE
Event :
Date : 07 Aug 2019




