Dikgafela motswedi wa ngwao
07 Aug 2019
Kgosi Oscar Mosielele wa Moshupa a re moletlo wa dikgafela kwa motseng wa gagwe o tlaa tshwarwa ka Lwetse a tlhola ga rataro.
Moletlo o, o tlaa bo o le wa bo lesome monogwaga,
Kgosi o buile se bosheng fa a amogela mabele a a baakanyetsang dikgafela tsa mono ngwaga.
“Dikgafela di direlwa go supa fa Batswana e le batho ba ba itseweng ka go itirela dijo, e bile ba tshela ka mohuhutso wa diphatla tsa bone. Re di dirisa go lebogela thobo ya ngwaga o o fetileng le go rapelela pula gore re tle re leme dijo tse dingwe gape. “
A re fa kgwedi ya Lwetse e tlhola malatsi a marataro go tlaa bo go isiwa bojalwa kwa kgotleng ka jaana mo mabeleng a ba a amogelang e le magosi go na le a a bowang a re ke one a a felelang a dira bojalwa.
Kgosi Mosielele a re ba dira dikgafela ka kgwedi ya Lwetse ka e le kgwedi e maru a simololang go lwala ka yone.
A re ka nako ya dikgafela, go dirisiwa setlhare sa moologa se go itaanwang ka sone ke ba ba isang dikgafela, bogolo jang go itewa magosi ka jaana e le setlhare se se nnang hela se le setala e bile se na le dikungwanyana tse o ka reng mabele.
Kgosi Mosielele a re ba laletsa Bakgatla go tla ka bontsi go rapelela pula, a re keletso ke gore batho ba ka bo ba tseela dipeo kwa kgotleng ka jaana magosi e le bone ba itseng batho ba ba tlhwaafaletseng temo le ba ba sa tlhwaafalang.
Fa a ntsha la gagwe, Mme Tlhotlheletso Kelebogile a re dikgafela ke selo se se monate se se supang ngwao a re ka nako ya fa ba gola ba ne ba sa itse dikgafela.
Mme Kelebogile a re o bona go ka tswela bana ba sekolo mosola fa ba ka ne ba isiwa kwa kgotleng go ya go rutwa gore dikgafela ke eng e bile go dirwa eng ka jaana e le ngwao e e botlhokwa.
Mme Loungo Ramatsia ene a re e rile a gola bagolo ba ne ba mmolelela gore dikgafela ke ngwao ya go leboga pula a re mme e bile ka fa a bonang ka teng ke selo se sa tshwanelang go nyelela.
Mme Ramatsia a re fa Batswana ba bona ba sena mabele ba ka thulanya ditlhogo go bona kwa ba ka a begang teng gore ba tle ba kgone go isa dikgafela kwa kgosing mme ba fete ba betse kgosi ka maologa ba bo ba mo gase mabele e le nngwe tsela ya go kopa pula. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ikotlhaeng Rantopele
Location : MOSHUPA
Event : Phuthego
Date : 07 Aug 2019