Breaking News

Kereke ya Roma e kgathala ka seemo sa balwetse

07 Aug 2019

Mokgatlho wa bomme wa kereke ya Roma go tswa kwa lekalaneng la St Antony o abetse kokelo ya Palapye dikobo di le lekgolo. 

Ga se la ntlha mokgatlho o, o dira jaana ka o itlamile go tlhokomela balwetse ba kokelo eo.

E rile a bua kwa kabong dimpho tseo, leloko la mokgatlho oo, Mme Tebogo Lebane, a tlhalosa fa ba setse ba na le dingwaga di le supa ba ntse ba tlhokomela kokelo eo, a tlatsa ka gore ba setse ba kile ba aba melora, mesokelatsebeng ya matheka, setsidifatsi le tse dingwe. 

Mme Lebane o ne a supa fa mo kerekeng ya bone ba na le makgotlana ka go farologana mme ba nne ba ithulaganya go bona ka fa ba direlang setshaba ka teng. 

O ne a tlhalosa fa mokgatlho wa bone e le wa bomme, mme ba ne ba itsheka tsheka le go rotloetsana mo go tsenyeng letsogo mo ditlhabololong tsa lefatshe leno. 

Mme Lebane a re go le ga ntsi bakeresete ba na le thotloetso e e faphegileng e bakiwa ke taelo le tlhotlheletso ya mowa o o boitshepho, go ba kaela le go ba laela se ba tshwanelwang ke go se direla setshaba. 

O ne a tswelela a supa fa ba ne ba lemoga tlhaelo kwa kokelong eo ka nako ya fa ne ba etsetse teng, segolo jang dikobo mme ba ikitaya ka thupana go thusa go fema seemo seo. 

A re ba ne ba tsweledisa mogopolo wa bone ka dithuso go tswa mo malokong a kereke le setshaba ka kakaretso. 

E ne ya re a amogela dikobo tseo mo boemong ja kokelo, mooki yo mogolwane Mme Kate Makhura a supa boitumelo jo bogolo a re dikobo tseo di ya go dira pharologanyo mo balwetseng ba bone.  

Mme Makhura o ne a supa fa diemo tse balwetse ba iphitlhelang mo go tsone fa ba le mo kokelong eo, di ba ama fela thata. 

 

Mongwe wa badiri ba kokelo, Rre Gaoraelwe Letsibogo, o ne a galaletsa thata tiro e ntle e e dirwang ngwaga le ngwaga ke ba kereke ya Roma a re seo se supa mowa o montle wa kutlwelo botlhoko. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : PALAPYE

Event : Kabo dimpho

Date : 07 Aug 2019