Bagolo ba Gabamochaa ba a ipelega
06 Aug 2019
Mopalamente wa Maun Botlhaba, Rre Konstatinos Markus, o akgoletse bagodi ba Gabamochaa go ikagela kamore le ntlwana ya boithomelo, tse ba tlaa di dirisang fa ba amogela.
Fa a bula dikago tseo semmuso bosheng, mopalamente o ne a bolela fa maiteko a, a tlaa imolola puso morwalo.
A re ka lebaka la tlhaelo ya madi, puso ga e kgone go dira ditiro tsa go tshwana le tse, mme a re tse di ka fitlhelelwa ka thotloetso ya dikhamphane tse di ikemetseng le boithaopo jwa setshaba.
Rre Markus a re se se dirilweng ke bagodi ba motse oo ga se se seka ikgatholosiwang, a tlatsa ka gore se tlaa kgothatsa banana gore le bone ba dire sengwe sa ditlhabololo mo motseng wa bone.
Mopalamente a re Gabamochaa o na le matlotlo a mantsi, ka jalo o ne a ba rotloetsa gore ba eme ka dinao go itirela lekgotla le le ka ba direlang madi a a ka ba kgontshang tsotlhe tse ba di eletsang.
O ba kgothaditse go botsa le go tsaya megopolo ya gore ba ka tsweledisa jang ditiro tsa bone.
“Le nkgwetlhile, ka jalo ke tlaa le neela terata go agelela lefelo la lona,” Rre Markus a bolela.
Moemela kgosi wa Shorobe Kgosi Gaditshwane Mmutle, o ne a leboga banni ba motse oo a re le ntswa mo malobeng ba ne ba phatlalala mo goneng ga dira gore motse oo letota, jaanong go a lebosega ka ba boetse gae.
Kgosi Mmutle a re pele ga ntlo eo e agiwa, bagodi ba ne ba kgobokanela kwa posong ya Maun, mme go ne go tala thata.
A re bagodi ba ne ba amogelela fa thoko ga setlhare se gompieno se oleng mme a re selo se bagodi ba se dirileng se supa ponelo pele.
O ne a ba kopa gore ba dirise ntlwana eo, gore le ba kokelwana ba ba bonele mo go yone ka nako ya fa ba botsogo ba feta foo.
A re se se dirilweng ke batho ba Gabamochaa ke go supa fa ba setse morago motlhala wa matshego a go ipelega le ditlhabololo.
Kgosana wa motsana oo, Rre Dichaba Maphumo, o ne a tlhalosa fa motsana oo o sa bolo go nna foo ka ngwaga wa 1954, mme a re go bo o sa tlhabologe ke mabaka a gore bana fa ba gola ba ya kwa ditoropong kwa ba fetang ba aga teng le kwa metseng e metona jaaka Maun le Shorobe.
O ne a tlhalosa fa ba tshwenngwa segolo bogolo ke bogodu jwa leruo jo bo ileng kwa godimo, a re ba sale ba lekodisitse mapodisi ka seemo seo mme ga go nko e tswang lemina.
Rre Maphumo a re ba tshwenngwa gape ke ditlou tse a reng di gobeya gongwe le gongwe, a re ga ba kgone le gone go phutha dikgomo ka ntata ya go tshaba diphologolo tse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onalenna Mokhawa
Location : GABAMOCHAA
Event : Pulo dikago semmuso
Date : 06 Aug 2019