Mapodisi a tlhotlhomisa leso la morutabana
06 Aug 2019
Morutabana wa dingwaga tse di masome a mane le borataro wa sekole se sebotlana sa Segopotso kwa Kanye o fitlhetswe a tlhokafetse ka Matlhatso.
Mookamela mapodisi a Kanye, Superintendent Mmoloki Mogale, a re bafeti ka tsela ba ne ba kuela mme yo ba mmoneng a rapaletse fa thoko ga tsela go bapa le koloi ya gagwe kwa kgotleng ya Mmamokhasi.
A re ka go tlhoka lesego go ne ga netefadiwa fa a tlhokafetse kwa kokelong.
A re ga go supege a ne a kgothositswe ka jaana dithoto di akaretsa megala ya letheka e le mebedi, sepache, madi, pasa le karata ya Omang di fitlhetswe mo go ene.
Supt Mogale o ne a supa fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi di tsweletse, ebile rre wa dingwaga tse di masome a mararo le bobedi wa kgotla ya Mafikana a itshupile fa pele ga lekgotla ka Mosupologo mabapi le tiragalo eo.
A re mosekisiwa o santse a tshegeditswe ke mapodise mme o tlaa ya gape fa pele ga lekgotla kgwedi eno e tlhola malatsi a le lesome le boferabongwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : KANYE
Event : Tlhotlomiso ya polao
Date : 06 Aug 2019