Breaking News

Thotloetso boikarabelo jwa botlhe

06 Aug 2019

Mongwe le mongwe o na le boikarabelo jwa go rotloetsa Batswana ba ba ikwadiseditseng ditlhopho go ya go tlhopha mo ditlhophong tsa setshaba tsa monongwaga.

Se se builwe ke mogolwane wa lekgotla le le tsamaisang ditlhopho kwa Kgalagadi, Rre Richard Senthumoleng, kwa thuto puisanong e e neng e rulagantswe ke lekgotla la BOCONGO bosheng.

Rre Senthumoleng a re mongwe le mongwe o tshwanetse go nna le seabe go tlhomamisa gore thuto e goroga sentle kwa batlhophing.

A re le ntswa lekgotla la IEC e le lone le eteletseng pele go ruta setshaba ka botlhokwa jwa go tlhopha, ba-tsaya-karolo botlhe ba tshwanelwa ke go tsaya kgato.

O ne a tlhalosetsa batsena thuto puisano eo fa go tlaa dirisiwa dipampiri jaaka tlwaelo.

O boletse fa karata ya Omang e e mo tirisong e le yone selotlolo sa go tlhopha mo ditlhopong tsa setshaba.

Rre Senthumoleng o ne a tlhalosa gape fa madi a ikwadiso a bontlhopheng ba makhanselara e le P100, fa a a duelwang go emelwa bopalamente one e le P500.

A re molao o letla go fudusa leina la motlhophi go ya kwa kgaolwaneng e a eletsang go tlhopha kwa go yone, mme go lebeletswe mabaka.

O ne a supa fa tlhopho e le botlhokwa ka e le yone konokono mo go nosetseng puso ya batho ka batho ka go tlhopha phathi ya sepolotiki e ba dumelang gore e ka diragatsa dikeletso tsa bone le gone go isa lefatshe kwa pele.

Rre Senthumoleng o ne a gwetlha badiri ba marekisetso go buisana le go rerisana le bahiri ba bone go ba letlelela go ya go tlhopha jaaka e le tshwanelo ya bone.

Mongwe wa batsena thuto puisano, Rre Steny Kefaletswe, o ne a kopa gore go thapiwe badirela puso go tsamaisa ditlhopho go na le gore go thapiwe banana ba ba feditseng kwa dikolong ba sa dire gope.

Rre Senthumoleng o rurifaditse fa go thapiwa badirelapuso ba ba tshepafalang e bile ba na le boikarabelo le maitemogelo go emelana le diemo tse di ka tlhagang mo tirong e e masisi e.

Rre Jerry Moloko, molomaganya ditirelo tsa Botswana Coalition on Education for All (BOCEFA), o ne a tlhalosa fa lekgotla la BOCONGO le dira mmogo le Botswana Society for the Deaf le BOCEFA, mo dingwageng tse pedi, maikaelelo e le go rutuntsha setshaba ka thuto le dikitso tsa puso ya batho ka batho.

Rre Moloko o ne a supa fa ba setse ba etetse metse e akaretsa Mathangwane, Maun, Ghanzi le Tsabong mme morago ba tlaa ya kwa Palapye le Gaborone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : thuto puisanong

Date : 06 Aug 2019