Ralotsia o akgotse kereke ya Roma
06 Aug 2019
Mopalamente wa Kanye Bokone, Rre Patrick Ralotsia, o akgoletse kereke ya Roma kwa Kanye mowa wa lerato le kutlwelo botlhoko.
Mopalamente o buile se bosheng fa a rolela mme Anastacia Modisaotsile ntlo ya dikamore tse pedi e a e agetsweng ke kereke eo.
Rre Ralotsia o ne a leboga maloko a kereke ya Roma go bo a bone go tshwanela gore a thuse mongwe ka bone ka go lemoga letlhoko la gagwe la bonno, a tlatsa gore bonno ke nngwe ya dilo tse di botlhokwa mo botshelong jwa motho.
A re go a itumedisa fa go na le ba ba tswang puso tema go agela batho ba ba nang le letlhoko la matlo ka puso ka yosi e ka se kgone.
Kgosi Kwelagobe Mookodi ene o boletse gore go tlhoka bonno, dijo le diaparo go botlhoko mme a leboga Roma go thusa Mme Modisaotsile ka nngwe ya dilo tse e leng konokono mo botshelong jwa motho, bogolo jang ka bonno bo o fa motho seriti.
Moruti wa kereke eo, Rre Thomas Puthukkattu, o ne a akgola botlhe ba ba tsereng karolo mo kagong eo, a bo a isa malebo kwa go Rre Pius Cyriac le ba lelwapa la gagwe go kgontsha tiro eo go tswelela ka thelelo.
Dibui ka go farologana di kopile Mme Modisaotsile go tlhokomela ntlo eo thata. Fa a ntsha la gagwe, Mme Modisaotsile o ne a bolela fa a itumetse fela thata, m,me a leboga phuthego ya gagwe go menagane.
O ne a kopa Modimo go segofatsa phuthego ya gagwe le ba ba nnileng le seabe mo kagong ya ntlo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kenanao Ntsimane
Location : KANYE
Event : tholo ya ntlo
Date : 06 Aug 2019