Breaking News

Tona o gwetlha kereke go lwantsha lehuma

06 Aug 2019

Mothusa Tona wa Banana, Metshameko le Tlhabololo Ngwao, Rre Dikgang Makgalemele, o kgothaditse  dikereke go dira ka thata go lwantsha lehuma.

O buile jalo fa a bula semmuso tirelo ee neng e tshwaetswe go ipelela ngwao le go tlotla kgosi kgolo wa Bakwena, Kgosi Kgari Sechele III.

Tirelo e ne e rulagantswe ke kereke ya Assemblies of God kwa Molepolole.

Rre Makgalemele a re dikereke di ka tsibogela botlhoki mo phuthegong.

“A re tsee boikarabelo go tlhomamisa gore mongwe le mongwe wa rona o itlama go tlhokomela lelwapa le le amilweng ke botlhoki pele re ka le ba kwa ntle, ka jaana bothata jwa botlhoki bo amile maloko mangwe a rona,” ga gakolola Rre Makgalemele.

A re o ka itumela fa Molepolole a ka dirwa boremelelo jwa ditiro tsa ngwao, thulaganyo e a reng e tshwanetse go logelwa maano.

O lebogetse Assemblies of God go thusa go godisa ngwao.

Mothusa Tona Makgalemele o ne a lebogela kereke eo go lemoga botlhokwa jwa kgosi mo tsamamisong ya kereke le go itse fa e le ene moeteledipele wa ngwao.

“Ke lebogela tshwaragano ya lona le kgosi kgolo, ka jaana go supa maikaelelo a magolo a go kopanya bogosi le morafe go ka fitlhelela tse di ka godisang serodumo sa motse wa mokwena”.

Thulaganyo ya Assemblies of God  e ne ya akaretsa go rapelela kgosi kgolo le mohumagadi Mmatumagole.

Tiro e ne e eteletswe pele ke mabutswapele a kereke eo, a a neng a akaretsa Rev Dr Daniel Mogotsi, Rev Dr Samuel Makgaola ga mmogo le baruti ba diphuthego tsa Mokwena.

Kereke e ne ya rola ditilo di le masome matlhano le bone go dirisiwa kwa kgotleng kgolo.

Kgosi Kgari o ne a tlhalosa fa thulaganyo ya Assemblies of God, e mo rutile go sekaseka kgolagano ya gagwe le Modimo, ka e se selo sa tlwaelo bogolo jang se dirwa ke kereke.

“Thulaganyo ya lona e nkgwetlhile go ya go sekaseka botshelo jwa me jwa sekeresete, go bona gore a ke mo tseleng ya bo Modimo, ka tsamaiso ya lelwapa le gone go direla setshaba se ke se eteletseng pele,” ga bua jalo kgosi kgolo.

O ne a kopa dikere ka kakaretso go direla bangwe ka bone bomolemo le go godisa mokgwa wa go aba.

Kgosi Kgari o solofeditse fa a tlaa dira gotlhe mo go mo thateng ya gagwe go ema nokeng maikaelelo a kereke go thusa go kokoanya madi a kago ya kereke ya Molepolole e e solofetsweng go lopa P15 million.

Kereke ya Assemblies of God e na le maikaelelo a go aga ntlo ya kobamelo ya dikago tsa segompiemo go fetola tebego ya nako eno, e eneng ya dira ka lebaka ka fa tlase ga ga Reverend Mogotsi.

Setlhopha sa ngwao sa Motlhaolosa se supile fa se itlamile go thusa kereke eo ka dithulaganyo tsa ngwao, nngwe ya tsone e le e tshwaetsweng go tshwarwa ka kgwedi ya Ngwanatsele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : MOLEPOLOLE

Event : Pulo semmuso tirelo

Date : 06 Aug 2019