Jagter o gapile mmabontle wa ditshupo tsa Kgalagadi Borwa
05 Aug 2019
Mme Angela Jagter o fentse mmabontle wa ditshupo tsa Kgalagadi Borwa.
Nngwe ya dimpho tsa gagwe ke P2 000.
O ne a longwa serota ke Mme Botshelo Sedimonyane ka P1 500 mme a boraro a ikgapelwa ke Mme Matshidiso Asele yo o atswitsweng ka P1 000.
Ba ba gaisitsweng ba ne ba tlhatswiwa diatla ka P300.
Mogolwane kwa lephateng la banana, Rre Keabetswe Motswasele o ne a tlhalosa fa makgarejwana a le lesome le bongwe go tswa mo metseng e supa mo kgaolong eo a ne a tsene dikgaisano tseo.
O boletse fa dikgaisano tseo di tsamaile sentle ka di ne di tshologetswe ke palo ee kwa godimo ya batho.
Rre Motswasele o boletse fa khamphane ya Mascom e ne ya barotloetsa ka go abela bommabontle dikipara le dihutshe le gone go ba thusa ka kapari ya ntlha go itshupa mo seraleng ka nako ya dikgaisano.
O boletse fa Mme Jagter a tlaa tswelela e le sefatlhego sa mmabontle wa ditshupo go fitlhelela ngwaga oo tlang fa go tshwarwa dishupo gape. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : ditshupo tsa Kgalagadi Borwa
Date : 05 Aug 2019