Breaking News

Bomme ba rotloeditswe go ikemela ka dinao

05 Aug 2019

Dialogane tsa sekole sa ithutelo ditiro tsa temo thuo sa Ngamiland Rural Training Centre (NRTC) di kgothaditswe go ema ka dinao go fetola matshelo a bone.

Motshwarelela mogokgo wa sekolo seo, Mme Keoreng Goipatabotho, o ntshitse kgothatso eo kwa tswalo semmuso ya dithuto tsa malatsi a matlhano ka thuo ya dikoko.

Mme Goipatabotho a re puso e rotloetsa go ikopanya ka ke gone mo go ka nnang le maduo a a nametsang.

O ne a ba kgothatsa go nna le lerato le tlotlo, a re ke tsone tse di ka nonotshang setlhopha sa bone.

O rotloeditse dialogane tse di lesome le bone tseo go tlhokomela ditlankana tse ba di neetsweng, a re di na le boleng, ebile di ka fetola matshelo a bone, a re di ka ba tlhogofaletsa gape ka nako ya fa ba kopa dithuso.

Mme Goipatabotho a re lefatshe leno le botoka thata ka le santse le neela batho ba lone dithuto tsa go nna jalo mahala, a tlhalosa fa kwa mafatsheng a mangwe go duelwa gore motho a nne le setlankana sa gonna jalo.

O kopile setlhopha sa Makuanelo go tswelela ka go dirisa dithuto tse baneng ba di tletse, a re mme ba seka ba kgaogana ka Motswana a re: ‘wa oesi ga o ele’.

Mongwe wa dialogane, Mme Marea James wa Komana o tlhalositse fa ba lebogela dithuto tseo, mme a solofetsa fa ba tlaa tlhokomela ditlankana tsa bone kaa re o dumela fa di ka ba thusa go ya pele.

A re ba ithutile ka tlhokomelo ya dikoko jaaka go di baa mo lefelong le le phepa le gore di ka fiwa dijo ka dinako tse di ntseng jang.

Rra boipelego wa Komana, Rre Clement Jim o boletse fa setlhopha seo se itiretse motshelo, go bona gore ba ka tsweledisa jang matshelo a bone.

A re b ane ba ba thusa ka go ba rulaganyetsa le ba NRTC gore ba tle ba ba tlhatlhelele dithuto mo go se bone ba boneng baka se kgona gore ba tokafatse matshelo a bone, a re madi a ba a kgobokanyang ka motshelo le go rekisa di lekere a tlaa ba bulela dikgwebo tseo.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Onalenna Mokhawa

Location : NXHARAGA

Event : tswalo semmuso ya dithuto tsa malatsi a matlhano

Date : 05 Aug 2019