Barui ba kgothaditswe go tlhabolola leruo
05 Aug 2019
Barui kwa kgaolong ya Kgalagadi ba kgothaditswe go dirisa polase ya Lobu go tlhabolola boleng jwa leruo la bone.
Mogolwane wa marekisetso a Botswana Agricultural Marketing Board (BAMB), Dr Benjamin Ditsile, o ntshitse kgothatso fa a bula semmuso ditshupo tsa kgaolo ya Kgalagadi Borwa kwa Tsabong bosheng.
A re le ntswa kgaolo e, e siametse leruo, e aperwe ke dikgwetlho tse di dirwang ke pula ee boutsana, phulo ee tlhakanetsweng le mmu oo sa siamelang dijwalo.
O a ne a tlhalosa fa dipatlisiso di supa fa ka ngwaga wa 2018/19 palo ya dikgomo kwa kgaolong eo e ne e le 120 000, dinku tse 24 226 mme dipodi di le 38 339.
Dr Ditsile a re re puso e tsere tshwetso ya go tlhabolola polasi ya Lobu ka maikaelelo a go rutuntsha barui ka tsotlhe tse di tlhokafalang mo thuong.
O ne a gwetlha barui go dirisa thata polase ya Lobu ka seo se ka ba thusa mo go tlhabololeng leruo la bone go nna le boleng jo bo kwa godimo.
A re mo polase eo e na le dihutshane di le 1 156 tsa dipodi tsa letsopa la Boer goat le dinku tsa karakul mme palo ee kwa tlase ya barui ke yone e setseng e rutuntshitswe.
A re ka ntlha ya leuba, puso e dirile maiteko a go fokotsa dijo le melemo ya leruo ka 35 per cent go simolola ka kgwedi ya Phukwi mono ngwaga go fitlha ka Seetebosigo ngwaga oo tlang.
O supile fa temo e le kwa tlase ka lebaka la pula ee boutsana ka mo pakeng ya 2018/2019 go lemilwe ditema di ka nna 220.20 fela.
Dr Ditsile o ne a kgothatsa balemi go lema dijwalo tse di akaretsang dinawa, marotse le magapu ka di siametse kgaolo ya Kgalagadi Borwa le gore di ka thusa itsholelo ya lefatshe leno go ipelega.
Fa a bua ka BAMB o ne a tlhalosa fa e simolodisitswe ka molao wa palamente ka ngwaga wa 1974 ka maikaelelo a go reka thobo ya balemi mme ya atolosiwa ka go rekisetsa balemi barui dijo tsa leruo le melemo, a supa fa mo nako ya gompieno ba butse marekisetso a le masome a mararo le boherabongwe.
A re marekisetso a itlamile go rutuntsha balemi barui ka temo ee tlhabologileng ka seo se ka thusa mo go ntsheng dijo tse di lekaneng le gone go etela barui kwa merakeng go ba tlhatlhelela ka tlhokomelo ya leruo ka kakaretso le tiriso ya melemo.
Dr Ditsile o ne supa fa marekisetso a BAMB a rotloeditse ditshupo tseo ka P30 000 mme a tlatsa ka go gwetlha balemi barui ba kgaolo eo go tshwaragana.
Modulasetilo wa komiti ee baakanyetsang ditshupo, Rre Ruben Mosimenyane, a re fa ba ne ba baakanyetsa ditshupo tseo nako e ne e setse e tsamaile ka ba ne ba tshwanelwa ke go baakanya pele ka go ne ga seka ga nna le neelano e e tshwanetseng le komiti ee duleng.
O supile fa ba ithutile tse dintsi go tswa mo lephateng la temo thuo le maphata a mangwe mme ba tlaa itoma molomo wa tlase go tlhomamisa gore tse di tla tshwarwang ngwaga oo tlang di tsamaya ka thelelo.
O ne a popotha legetla barotloetsi ka go nna le seabe se segolo mo katlegong ya ditshupo tsa kgaolo eo.
Kgosi Piet Kaatzee ene o ne a supa fa tshologelo ya ditshupo tsa ngwaga ono e le kwa tlase thata a bolela fa seo se supa fa balemi barui ba sa kgatlhegele ditshupo tse mme a gakolola gore botlhe ba tshwanentse go tsaya karolo gore di tokafale.
O ne a rotloetsa go emela temo thuo ka dinao ka e le yone e ka kgonang go ba jesa le gone go tlhabolola matshelo a bone a re ke sone se puso e lekang ka bojotlhe go ba inola mo lehumeng ka go thusa ka mananeo jaaka la LIMID. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Pulo semmuso ditshupo
Date : 05 Aug 2019