Breaking News

Tutume o itumelela katlego ya ga Anicia

05 Aug 2019

Banni ba Tutume ba ne ba tshologetse kwa kgotleng ka Labotlhano go amogela naletsana ya mmabontle wa Miss Teen International Botswana, Anicia Gaothusi.

Fa a amogela morafe ka Labotlhano, Kgosi Alphonse Nsala o boletse fa mosetsana yoo a tlotlomaditse motse wa bone.

Kgosi Nsala a re bana ba ba tswang kwa kgaolong eo ba lesego ka ba nna ba atlega mo dikgaisanyong tse di farologaneng.

A re seo ke tiro e ntle thata ka ba baya motse mo mmepeng.

A re gape go supa fa ba le botlhale e bile ba na le talente.

Kgosi  Nsala a re ka fa bokgeleke le ditalente di ribologang ka teng mo kgaolong, go supagala fa go santse go tla nna le dikgantshwane tse dintsi tse di tla emelang Botswana kwa mafatsheng a sele.

Morulaganyi wa dikgaisanyo tsa Miss Teen International Botswana, Mme Michelle Gaelebale, a re ba ne ba rulagantse mmabontle oo ka go tsaya basetsana ba le masome mararo.

A re Anicia o ne a gaisa basetsana ba bangwe, mme o tlaa go emela Botswana kwa India ka kgwedi ya Sedimonthole monongwaga.

Bontsi jwa dibui di boletse fa kgodiso ya ngwana e supa se ngwana a tlaa nnang sone fa a gola.

Ba ne ba kopa batsadi go ema nokeng bana ba bone le go ba fa lesedi la go dirisa talente ya bone.

Mokhanselara wa Tutume Bophirima, Rre Moseki Mathodi, o ne a galaletsa naletsana eo, a supa fa motse wa Tutume o le lesego ka go tlotlomadiwa ke dikgantshwane tse di abetsweng ditalente ka go farologana.

Rre Mathodi o tsweletse a supa fa mo bosheng, Rre Uyapo Ndadi ba mafatshe a sele ba supile fa ba lemoga tiro ya gagwe ya go bua ka dikgang tse di amang matshelo a batho.

A re gape gona le motabogi, Isaac Makwala l.

Mokhanselara o ne a eleletsa naletsana eo katlego le phenyo le go diragatsa dikeletso tsa Batswana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TUTUME

Event : phuthego ya kgotla

Date : 05 Aug 2019