Breaking News

Direkeke kwa Maun di rapelela ditlhopho tsa setshaba

05 Aug 2019

Maloko a dikereke ka go farologane a ne a kokoanye kwa lebaleng la metshameko la Maun ka Matlhatso go rapelela ditlhopho tse di tlaa tshwarwang ngwaga ono.

Kgosi Kebatho Kesekile wa Matlapana o ne a lebogela dikereke go tswa ka mogopolo wa go rapelela thulaganyo ya ditlhopho.

A re go ka itumedisa fa tirelo ya go nna jaana e ne e ka dirwa Botswana jotlhe, a bolela fa go le molemo go rapelela mapolotiki gore ba ba tlaa segofalang ka phenyo ba buse sentle, gore

Botswana a tswelele ka kagiso e e tlwaelesegileng  e seng dikgogakgogano.

Mothusa molaodi wa kgaolo ya Bokone Bophirima, Mme Goitseone Nkwe-Tabane o ne a lebogela dikereke go rapelela ditlhopho le kagiso.

A re go le gantsi e kare Batswana ba tsaya kagiso ya lefatshe la bone lolea, ka jalo a re go botlhokwa go e rapelela e seng go rapela fa go na le matshosetsi fela.

Modulasetilo wa lekgotla la dikereke la kgaolo ya Bokone Bophirima, Rre Lawrence Sechele, o  supile fa tirelo eo, e gwetlhilwe ke ditemana tsa baebele tse di supang gore ‘fa modimo a sa lebelela ntlo ba ba e lebeletseng, ba e lebeletse lefela, le gore fa modimo a sa aga ntlo ba ba e agang ke lefela.’

A re ba ne ba kopa mo modimong gore ba tlhophe babusi ba ba amogetsweng ke modimo, le go kopa modimo go sireletsa kagiso e a ba e fileng ele Batswana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : MAUN

Event : Go rapelelwa ditlhopho

Date : 05 Aug 2019