Breaking News

Lenaneo le tokafaditse seemo sa maduo

05 Aug 2019

Lenaneo la lekgotla la The Broadcaster Organisation (TBO) le thusitse sekole se sepotlana sa Sojwe kwa kgaolong ya Kweneng go tokafatsa maduo a ditlhatlhobo.

Se, se senogile ka bosheng fa baithuti ba supa dikitso tse ba di amuleng ka lenaneo la TBO  ka tshwaragano le khamphane ya Botswana Insurance Company, (BIC).

Mogokgo, Rre Baranudi Molelwa a re sekole sa gagwe e ne e le sengwe sa tse di gogang ka thata go fitlha ka ngwaga wa 2017, fa maduo a tokafala go tswa mo go 45 per cent go ya go 67 per cent, se sena go tsena mo lenaneong la TBO.

A re maemo a sekolo a tokafetse thata e bile ba atamela seelo sa lephata la thuto sa maduo a 80 per cent.

Monana yo okametseng thulaganyo eo ya baithaopi, Rre Layani Alias, a re lenaneo leo, le le simologileng ka ngwaga wa 2016 le thusitse baithuti go itharabologelwa le go itshepha ka go itse go bala le go kwala.

Rre Alias a re o dumela fa lenaneo la TBO le tlaa thusa go solegela puso molemo ka jaana le ntsha maduo le mo dikolong tse di kwa mafelong aa kgakala le ditlamelo.

A re sekolo sa Sojwe ga se a tokafatsa maduo a baithuti fela, mme gape se tsweletse ka go tsaya bommampudi jwa dikgaisanyo tsa go ngangisanya.

Mo boemong jwa mogolwane wa lephata la thuto, Mme Tebogo Kgosiemang, a re lenaneo la TBO le le simolotseng e le tekeletso le godile mo go nametsang, e bile go solofetswe gore le ka atolosediwa kwa dikolong tsotlhe ka jaanong le segile tema.

“Se se bakang kgatlhego e tona ka lenano leo, ke gore le tlhatlhelela baithuti go dira tiro ya sekolo ba itebagantse le seemo jaaka sentse gammogo le go fa baithuti kitso ya se lefatshe le setlhokang”.

O rotloeditse bogogi jwa lenaneo leo go godisa maitlamo a go dira ka tshwaragano le dikhamphane tse di ikemetseng go re lenaneo le kgone go nama, go akolwa ke botlhe.

Mogolwane wa Botswana Insurance Company, Rre Kago Kemane, a re khamphane ya gagwe e eme nokeng thulaganyo ya TBO, ka jaana ba itumedisiwa ke seabe se se bonalang sa go fetola matshelo a morafe.

O kopile gore thulaganyo ya matshwao e simolodisitsweng mo dikolong tse dipotlana, e atolosiwe go thusa batsadi go bona matshwao a bana mo maranyaneng.

Mogolwane wa lephata la thuto mo kgaolong ya Kweneng, a itebagantse le lenaneo le le dirang thata ka baithaopi ba dithuto tsa bobega dikgang, Mme Lerato Manele, a re ke dikolo di le masome mabedi le boferabobedi kwa kgolong eo di tlaa dira ka lenaneo la TBO.

A re e re le ntswa lenaneo le tsweletse ka go ntsha maduo le kgorelediwa ke tlhaelo ya ditlamelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : SOJWE

Event : Potsolotso

Date : 05 Aug 2019