Kgokgontsho ya bong e santse e tshwenya
04 Aug 2019
Mogolwane wa mapodisi a kgaolo ya District No 8, Senior Superintendent Sarah Gabathusi a re kgokgontsho ya bong ke kgwetlho e e amang lefatshe ka bophara.
Mme Gabathusi o buile se kwa thuto puisanong ya itshireletso ya malwapa kwa Orapa bosheng,.
A re ga gona morafe ope o o ka galaletsang kgokgontsho ya bong.
Mme Gabathusi a re kgokgontsho ya bong e bonala ka dipalo tse dintsi lefatshe ka bophara.
A re dipatlisiso tse di dirilweng bosheng di supile fa kgokgontsho ya dititeo le ya maikutlo di goga kwa pele.
O boletse fa dikgang tsa kgokgontsho ya tlhakanelo dikobo di le kwa godimo kwa kgaolong ya gagwe mme di akaretsa dithubetso le tiriso botlhaswa ya bana ba dingwaga tse di kwa tlase.
Mme Gabathusi a re ba boloditse letsholo la go tsibosa setshaba ka bodiphatsa le ditlamorago tsa dikgang tsa kgokgontsho ya bong ka kakaretso.
O boletse fa ba-na-le-seabe botlhe ba tshwanetse go ema ka dinao go lwantsha diemo tsotlhe tsa kgokgontsho.
Maikaelelo ke go baya borre kwa pele mo letsholong le.
O rotloeditse gore ba lwantshe kgokgontsho ba bo ba ikgaphe mo go yone.
Mme Gabathusi o kopile bogogi jwa dikereke go aga setshaba ka go rotloetsa lerato go fedisa kgokgontsho.
A re go solofelwa gore bomme ba ikaege ka borre.
Mme Gabathusi a re ditagi le tsone di tlhotlheletsa kgokgontsho, a tlatsa ka gore le fa dingwe tsa tsone di se ka fa molaong, go na le bangwe ba ba inaakantseng le tsone.
A re le fa ditlamorago tsa tsone di itsiwe, bangwe ba ikgatholositse se ka ba gweba ka tsone fa ba bangwe ba di dirisa botlhaswa.
Mme Gabathusi o boletse fa kgang e nngwe e e ngomolang pelo e le ya tiriso bana botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo, a re se se ba baya mo diphatseng tsa go tsenwa ke malwetse a a borai. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : ORAPA
Event : thuto puisanong
Date : 04 Aug 2019