Thuto motswedi wa katlego mo kgwebong
04 Aug 2019
Modulasetilo wa khansele potlana ya Boteti a re thuto e botlhokwa mo tsamaisong ya kgwebo.
Fa a bua kwa bokhutlong jwa thuto-puisano e e neng e tshwaretswe kwa Mopipi bosheng, Rre Ketshwereng Galeragwe o ne a rotloetsa botlhe ba ba neng ba tsene dithuto tsa nyeletso lehuma go dirisa se ba se ithutileng go godisa dikgwebo tsa bone.
O tlhalositse fa go thusitswe batho ba le makgolo a mabedi le masome a matlhano kwa Mopipi, Mokobaxane, Kedia, Toromoja, Mmadikola le Xhumo ka lenaneo la dipodi, selo se a supileng e le ditso go thusa palo e ntsi ka nako e le nngwe.
Rre Galeragwe a re go dirisa se ba se ithutileng go tlaa ba thusa gore dikgwebo tsa bone di atlege di bo di nne le maduo.
A re le ntswa dithuto di sa akaretsa dilo tsotlhe tsa kgwebo le dikgwetlho tse ba yang go kopana le tsone, o dumela gore di tlaa ba kgontsha go tsamaisa dikgwebo tsa bone.
Maikaelelo a dithuto e ne e le go ba fa lesedi ka tsa kgwebo le go dira ka diatla gore batho ba kgone go tsamaisa di kgwebo tsa bone.
O ne a tlhalosa fa se gape e le tshimologo ya botshelo jo bo lolameng, a tlhalosa fa go bonala fa lenaneo la nyeletso lehuma le na le maduo fa motho a le tsere ka tlhwaafalo.
“Mo bosheng mo go yone kgaolo e, go nnile le mongwe wa ba ba thusitsweng ka lenaneo mme a kgona go rekisetsa puso dipudi di le 76 tse di yang go abelwa ba bangwe,” a tlhalosa.
A re kgwebo nngwe le nngwe e na le dikgwetlho, ka jalo o ne a ba kgothatsa gore di se ka tsa ba kgoba marapo mme ba tswelele ba itse fa ba tlaa atlega.
Mogokaganyi wa lenaneo la nyeletso lehuma, Rre Montshiwa Montshiwa a re ba tshwaraganetse lenaneo le le maphata a mangwe a puso.
Rre Montshiwa a re pele ga motho a ka fiwa lenaneo o rutuntshiwa pele.
O ne a tlhalosa fa ba weditse mola wa baikopedi kwa Boteti Bophirima, ka jalo a rotloetsa ba ba thusitsweng go tlhokomela dikgwebo gore maduo a tsone a bonale. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : MOPIPI
Event : thuto-puisano
Date : 04 Aug 2019