Breaking News

Borokhutlhi bo gola kwa toropong ya Orapa

04 Aug 2019

Mogolwane wa meepo ya Orapa, Letlhakane le Damtsha, Rre Thatayaone Sithole, a re toropo ya Orapa ga e sa tlhole e le ele ya maloba e e neng e sena borukutlhi.

Rre Sithole o buile jalo kwa thuto puisanong ya letsatsi le lengwe e e neng e rulagantswe ke mapodisi kwa Orapa.

A re mo nakong ee fetileng, Orapa o ne a na le dipalo tse di kwa tlase tsa batho, a tlhalosa gore gompieno dipalo di godile.

A re se se bakiwa ke gore gona le dikhamphane tse direlang kwa moepong, a tlatsa ka gore bangwe ba tla koo go batla bongaka.

Rre Sithole a re go ntsifala mo ga batho ke gone go bakileng gore le borukuthi bo gole, ka jalo a supa gore thuto puisano e ya itshireletso kwa malwapeng e maleba.

A re kgang ya go lwantsha borukuthi ga se ya mapodisi a le nosi, a tlhalosa gore e batla seabe sa morafe.

A re ba na le lephata la itshireletso le a reng tiro ya lone ke go sireletsa dithoto tsa khamphane, a tlhalosa fa lephata le, le dira tiro le tshwaragane le mapodisi.

Detective Constable Eliah Israel a re maikaelelo a kokoano eo e ne e le go tsibosa banni ka tsa itshireletso kwa malwapeng.

Mme Israela a re ba leka go aga botsalano fa gare ga bone le morafe gore ba tshwaraganele kgang ya go lwantsha borukutlhi.

O ne a ba rotloetsa gore go botlhokwa gore ba age botsalano le baagisanyi ba bone, ga mmogo le go tlhama dikomiti tsa Ntebele ke go lebele.

A re ba tshwanetse go itsane gore mo malwapeng a ba bapileng le one, gonna bo mang ba le kae le gone go itse dinomoro tsa megala ya bone.

A re gape ba ne ba batla go utlwa maikutlo le matshwenyego a morafe ka tse di amanang le ditiro tsa bone.

O ne a ba fa maele a gore ba dire jang fa ba tlhasetswe ke dirukuthi ka go farologana ga tsone le gore ba boloke bosupi bope fela jo teng.

Mogolwane wa mapodisi a Orapa, Superintendent Kebaitsi Molefe a re borukutlhi jo bo tshwenyang thata kwa kgaolong eo ke jwa dititeo le dipetelelo.

A re kwa Orapa fela jaaka mafelo a mangwe, borukutlhi bo a gola, mme a rotloetsa banni gore ba tseye molaetsa ka tlhwafalo gore batle ba o dirise.

Rre Molefe o ne a ba gakolola gore ba emise mokgwa wa go reka dithoto tse di senang motlhala wa ko ditswang teng.

Fa bua ka tsa ipabalelo tseleng, Sergent Aaron Serumula a supa fa bakgweetsi ba sa obamele molao ya tsela, e bile e le bone ba bayang matshelo a bone mo diphatseng.

Sergent Serumula a re bakgweetsi ga ba kelotlhoko fa ba kgweetsa, e bile gape ga ba tseye molao wa tsela ka tlhwafalo jaaka tiriso ya lebante, go tsenya bana mo setilong tsa pabalesego.

Constable Mpho Rakaki wa lekalana la twantsho borukuthi ko Orapa, o ne a ba lemotsha ka botlhokwa jwa seabe sa bone mo go lwantsheng borukuthi.

Rre Rakaki a re mapodisi ka esi ga ba kake ba kgona go lwantsha borukuthi, ke ka moo go leng botlhokwa gore gonne le dikomiti tsa twantsho borukuthi le tsa ntebela ke go lebele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : ORAPA

Event : thuto puisano

Date : 04 Aug 2019